Mothusa Tautona o galaletsa Mathumo
18 Nov 2020
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o kaile fa lebutswapele la phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Diane Mathumo, yo o tlhokafetseng bosheng, e ne e le mogaka ka jalo a tshwanelwa ke go tlotlomadiwa.
Fa a bua kwa tirelong ya segopotso sa lebutswapele leo kwa Kedia ka Labobedi, mothusa tautona o ne a tlhalosa fa Rre Mathumo e ne e le leloko la BDP la motia.
Rre Tsogwane a re Rre Mathumo o tlhokafala jaana a ne a eme ka mokgwa o le mongwe mo phathing.
A re moswi o nnile le seabe se se bonalang mo ditlhabololong tsa Kedia, a tlatsa ka gore ke mongwe wa ba ba neng ba emetse ka dinao kgang ya gore o tlhomamisiwe go nna motse.
Mothusa tautona o ne a tlhalosa fa moswi a ne a buelela phathi ya gaabo a sa tshabe sepe, e bile a itse go aga maloko a phathi le go ba nonotsha.
A re Rre Mathumo o ne a dira ditiro tsa motse ka boammaaruri le bopelotelele, a sa kgetholole batho ka e bile a ne a le modumedi.
Rre Tsogwane o boletse fa a ne a romilwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go ya go tshidisa le go mo isetsa molaetsa wa kgomotso kwa goora-Mathumo.
Mokwaledi mogolo wa BDP, Rre Mpho Balopi, le ene o kaile fa Rre Mathumo e ne le mogaka gape e le tsala ya botlhe.
Rre Balopi a re moswi e ne e le motho yo o tlhaga, ka jalo a bereka ka natla go isa phathi ya Domkrag kwa pele, a tlatsa ka go leboga ba lelwapa la gagwe go bo ba ne ba mo eme nokeng le go mo letlelela go direla BDP.
Mongwe wa mabutswapele a BDP kwa kgaolong ya Boteti Bophirima, Rre Bosekilwe Matlho, a re Rre Mathumo o tswa kgakala a direla phathi ka bonatla.
Rre Matlho a re moswi o ba gogile ka lebaka mo phathing a ba fa le bogakolodi.
Moemedi wa lelwapa, Rre Dikhutso Matekane, le ene o kaile fa moswi e ne e le senatla se se diretseng BDP ka lebaka le le leele.
A re Rre Mathumo o tlhokafetse kgwedi eno e ferabobedi a le dingwaga tse masome a ferabobedi le boferabongwe.
Moswi o tlogela mosadi, bana ba le batlhano le bana ba bana ba le babedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : KEDIA
Event : Tirelo ya segopotso
Date : 18 Nov 2020