Tsayang mananeo a puso ka tlhwaafalo
18 Nov 2020
Mogwebi yo mmotlana kwa Sehunou kwa kgaolong ya Legare, Mme Khabe Matsieng, o rotloeditse bangwe ka ene go tsaya ka tlhwaafalo mananeo a puso a dithuso.
Mme Matsieng, yo o nang le kgwebo ya go roka mme a thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma, a re bangwe ba ba thusiwang ka mananeo a go namola Batswana mo lehumeng, ba a tsaya lolea mo ba felelang ba a phuaganya.
O ne a fa sekai ka bangwe ba le bararo kwa Sehunou, ba a bolelang fa ba ne ba filwe metshini e e rokang fela jaaka ene, mme ba felela ba phuaganya fela ba sa e dirisa sepe.
Mme Matsieng a re bangwe ba ba thusitsweng ba nna mo nnotaging le ntswa ba na le didirisiwa tsa go roka, mme ba di kgathologile fela.
Ka jalo o ne a kopa ba ba thusiwang ka mananeo go supa fa ba ka intsha mo lehumeng gore puso le yone e kgothalele mme e tswelele ka go thusa ba bangwe.
Mme Matsieng, yo o dingwaga di masome a mane le borataro, o thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2014, mme a isiwa sekoleng sa go roka kwa Ramatea kwa Kanye mo ngwageng one oo.
A re fa a tswa kwa dithutong tsa go roka, o ne a thusiwa ka tafole, motshini o o rokang, motshini o o phunyang maroba le iron, mme a adimiwa lefelo le a ka direlang mo go lone ke komiti ya ditlhabololo tsa motse.
A re e ne ya re ka ngwaga wa 2017, a fiwa tiro ke sekole se se potlana sa Sehunou go direla baithuti paka ya sekole mme a rotloetsega fela thata.
E re ka kgwebo e seka e tlhoka dikgwetlho, Mme Matsieng a re ga a letle seo go mo itaya tsebe, mme o tsepame mo go tse a di dirang.
A re kgwebo ya gagwe ya go roka e boutsana, mme o na le dipelaelo tsa gore go dirwa ke gore motse wa bone o monnye mme o leka thata go oka banni go mo rotloetsa.
O supile fa e rile pele ga kiletso mesepele, a ne a kgona go nna sebaka sa dibeke tse pedi a sa roke sepe ka go ne go sena yo o tlang go roka, mme mo nakong eno go le botoka fela thata ka a ne a fiwa thendara ya go rokela baithuti di bipa melomo le dinko, e bile a tsweletse ka go di rokela le batho ba motse.
A re kgwebo ya gagwe e botoka fela thata.
Mme Matsieng a re go roka go mo tsiseditse pharologanyo mo botshelong jwa gagwe, ka mo nakong eno a kgona go bula mabolokelo kwa bankeng kwa a kgonang go baya bonnyennyane jo a bo bonang mo kgwebong ya gagwe, e bile o kgonne go reka dipodi di le lesome.
A re bana ba gagwe ga ba lale ka tlala ka a kgona go ba rekela dijo mo bonnyennyaneng jo a bo bonang.
A re o na le toro ya gore a ikagele ntlu ka mo nakong eno a na le setsha e bile a nna mo go sone.
O ne a kopa thotloetso mo banning ba Sehunou, a ba a ba gakolola go mo neela ditiro di tshwana le tsa go thiba diphatlha mo diaparong, go fokotsa diaparo le gone go tsisa matsela kwa go ene gore a ba rokele tse di farologaneng ka a na le bokgoni jwa go di roka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEHUNOU
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2020