Kgang ya bogosi kwa Goshwe e eme tsii
18 Nov 2020
Banni ba Goshwe kwa kgaolong potlana ya Tutume ba re ga ba jesiwe di welang ke tiego ya go tlhoma kgosi.
Ba boletse mo potsolosong gore fa e sale Kgosi Buyendasi Mbenga a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2017, ga go ise go bewe ope yo o mo tlhatlhamang.
Mongwe wa banni, Mme Sebatho Ketshabile, a re kgang ya go tlhoka kgosi e ba beile ka fa mosing ka ba tsamaya sekgala se se telele ba latela go beelwa setempe sa kgotla kwa Tutume.
Mme Ketshabile a re kgang eo, e ngomola pelo thata ka tsela ya Goshwe e le lekgarapana gape ga go bonolo go bona dikoloi tse di yang kwa Tutume.
“Se se utlwisang botlhoko go feta ke go palama ka madi o latela go beelwa monwana mo dipampiring tse di ka bong di dirilwe ke kgosi mo motseng,” Mme Ketshabile a tlhalosa..
A re morago ga kgosi a tlogela tiro ka bogodi, ba ne ba nna le ditlhopho tsa motho yo o tlaa thibang phatlha eo.
Ba ile ba tlhopha mo bathong ba bararo, mme mongwe wa bone o ne a bona palo e ntsi. Maina ao a ne a isiwa Serowe go seka sekwa ke bogosi.
Mme Ketshabile a re ga ba itse gore jaanong madiadia a tsalwa ke eng.
Seo se ne sa rurifatswa ke Kgosi Beni Mokgethi wa kgotlana ya Mangole kwa Goshwe, a bolela fa ba sa ntse ba emetse ba bogosi go tla go ba begela kgosi ya bone.
Kgosi Mokgethi a re ba nna ba letile ka tsholofelo letsatsi la go tlhongwa ga kgosi ya bone.
A re tiego eo, e baka gore ba sokole go bona ditlamelo, e bile le ditlhabololo ga di tswelele sentle go sena lentswe la kgosi.
Mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa Tutume, Mme Gladys Jenamo a re banni bangwe ba Goshwe ke bone ba ba nang le kitso ka se se ka tswang se diya peo ya kgosi.
Mme Jenamo a re ba bogosi go tswa kwa Serowe ba dirile tsamaiso le morero yotlhe le batho ba motse oo.
A re go ya ka bokopano jwa batho bao le morongwa go tswa kwa Serowe, tshwetso e ne e dirilwe go romela leina la motho yo bontsi bo motlhophileng kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, go ya go tlhomamisiwa go re ke ene a tla nnang kgosi.
A re morago ga bokopano joo kgang e santse e eme tsii.
Mme Jenamo a re banni ba Goshwe ke bone ba ba ka tlhatswang kgang botoka, go na le go supa lephata la makgotla a Setswana ka monwana, le ntswa ba itse se se diragalang mabapi le tiego eo.
Go bolelwa fa bangwe ba tsere tshwetso go isa kgang kwa makgotla tshekelong, ba ngongoregela thulaganyo ya go tlhopha kgosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Goshwe
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2020