Go betla go tshetsa Balathilwe
18 Nov 2020
Rre Solomon Balathilwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Makolojane kwa Serowe o itshetsa ka go betla ditshwantsho tsa diphologolo.
O boletse mo potsolosong fa a ithutile mo go bo mogolowe ba ba neng ba go itse e bile ba go rata.
A re o setse a na le dingwaga tse tharo a ntse a betla mme o kgona go bona madinyana go rekela lelwapa la gagwe dijo.
Rre Balathilwe o betla dintshwana, megopo, ditilo, mekgabisa, dikika le diphologolo.
O dirisa ditlhare tsa mosetlha, mohudiri, mogorogorwane, mokomoto, modumela le morula.
O tlhalosa fa e le ditlhare tse a di bonang a sa sokola ka di le teng mo kgaolong e a nnang mo go yone.
A re tlhogo ya kgomo fa a e dirile ka botswerere, o lopa P1 000. Dintshwana tse di kgolwane (mogori) ke lekgolo la dipula.
Rre Balathilwe o boletse fa theko e nametsa, ka ebile a ipapatsa fa thoko ga tsela e e tswang kwa Serowe e ya borwa.
A re bahiti ba tsela ba kgatlhiwa thata ke diatla tsa gagwe.
Kwa ntle ga go betla, o boletse fa a na le tshingwana e emo lekaneng, e a lemang dijwalo le merogo mo go yone.
Rre Balathilwe yoo o nang le mosadi le bana ba le bane, a re pele ga a tsena mo kgwebong ya go betla, e ne ele modisa wa leruo ko merakeng, morago ga go tshaba sekole, mme o boletse fa bahiri ba gagwe ba ne ba sa mo duele sentle, ke fa a felela a inaakanya le kgwebo e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2020