Breaking News

Setlhopha se itirela furu

18 Nov 2020

Bomme le borre bangwe ba kgotla ya Bogosing kwa Tsabong ba bopile setlhopha go dira dijo tsa leruo ka go tswakanya ditlhatshana.

Mme Seotlogeleng Ntau o boletse bosheng fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go dira furu ka ditlhatshana tse di farologanyeng ka ngwaga wa 2011 morago ga go lemoga fa kgaolo ya Kgalagadi e tshabelelwa ke leuba.

A re o simolotse go dira furu ka mosetlho, o a neng a o tlhagola mo jarateng ya gagwe, a bo a o tlhakanya le letswai.

A re erile go bona leruo la gagwe le kgatlhegela furu eo, a tia moko, mme a tswelela ka  go e dira, a tswakanya ka ditlhatshana tse dingwe jaaka makakaba a setlhare sa morolwana, segoane le dikelekesi (maungo a setlhare sa mokala a a ratiwang bobe ke dihutshane).

E re ka jaana “dilo makwati di kwatabolotswa mo go bangwe” Mme Ntau a re o ne a bona fa go le molemo go tlhalosetsa ba bangwe ka botsipa jwa gagwe, mme a simolola go ba laletsa go tla mo lwapeng la gagwe go tsaya malebela.

O boletse fa ba ne ba kgatlhegela mogopolo wa gagwe wa go dira furu, mme  ba dumalana go ipopa setlhopha ka seo se ka ba kgontsha go bua ka lentswe le le lengwe fa ba kopa thuso mo pusong.

Ngwana wa gagwe, Rre Webb Ntau, o tlhalositse fa mme mmaagwe a ne a mo ruta go dira furu.

A re morago ga  go  jesa dipodi tsa gagwe furu eo, di ne tsa simolola go tia le go kgatlha leitlho la ba bangwe.

Rre Ntau, yo e leng leloko la setlhopha, o tlhalositse fa furu eo e siametse leruo, bogolo jang dipodi ka di ntsha mashi a mantsi le gore dipotsane tsa teng di simolola fela go nonofa di santse di hatlhoga.

Leloko le lengwe la setlhopha seo, Mme Monica Ntau, o tlhalositse fa ba eletsa go bona setlhopha seo se gola, gore ba kgone go dira kgwebo e ba ka itshetsang ka yone.

A re sebe sa phiri ke go tlhoka didirisiwa di akaretsa motshine oo silang furu le lefelo le ba tlaa direlang mo go lone.

Mme Ntau o boletse fa ba tlaa ikgolaganya le ba lephata le le thusang ka madi go simolola dikgwebo ba le ditlhopha gore ba kgone go ba thusa ka madi.

O boletse fa maloko a setlhopha sa bone a le masome a mabedi, bontsi e le bomme, fa borre le banana ba ka tsena mo seatleng.

Lefa go ntse jalo, banana ga ba na kgatlhego e e kalo ka ba supa fa tiro ya go dira furu e le bokete le gore ditlhatshana dingwe di babalela letlalo ka di a baba.

Mme Ntau o ne a kgothatsa bomme go ikemela ka dinao ba itirela botshelo, a supa fa ditlhatshana tse ba dirang furu  ka tsone di sa rekwe.

O ne a phophotha Mme Seolotlegeng Ntau legetla, a supa fa go tswa ka  mogopolo wa go  dira furu go lebega go tla ntsha maduo aa itumedisang.

A re fa ba ba tshwara ka natla ba nna seopo sengwe e ka re mo isagong le bone ba kgona go thapa ba bangwe, mme ba fokotse letlhoko la ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Pego

Date : 18 Nov 2020