Breaking News

Popagano e ntsha maduo a mantle

17 Nov 2020

Mogokgo wa sekole se sepotlana sa Kisa kwa Kgalagadi, Mme Motshidiemang Moepi, a re tirisano mmogo le tshwaragano ya ba-na-le-seabe go tlhotlheleditse sekole seo go dira ka natla.

O buile se mo  letsatsing la kabo dimpho bosheng morago ga gore sekole seo se gaise dikole di le masome a mane le bobedi kwa Kgalagadi mo maduong a lekwalo lwa bosupa a ngwaga oo fetileng.

Mme Moepi o ne a supa fa maduo a itumedisa, bogolo jang ka ba kgonne go dira sentle mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.

Mogokgo o ne a supa fa go goga mmogo ga batsadi, barutabana, boeteledipele le ba-tsa-ya karolo botlhe  e le sone se se ba kgontshang  gore ngwaga le ngwaga maduo a lekwalo lwa bosupa a bo a kgatlhisa.

O ne  bolela fa maduo a sekole seo a tsholeletsa serodumo sa motse kwa godimo, a tlatsa ka gore go simologa ka ngwaga wa 2015 se ne sa pasa ka 77.7, ka 2016 ba pasa ka  91.7, ya re ka 2018 ba bona 90.9 mme ngwaga  oo fetileng sa tsaya maemo a ntlha ka 100 phesente.  

Mme Moepi a re le ntswa mo ngwageng ono thuto e kgoreleditswe ke segajaja sa COVID-19,  barutabana ba dirile ka gotlhe go tlhomamisa gore ba tshegetse maemo ao.

Mothusa mogokgo, Mme Tuelo Mogaga, ene o ne a tlhalosa fa ba rotloetsa mowa wa phadisano mo baithuting.

O ne a bolela gape fa ba lemotsha setshaba gore thuto e botlhokwa, ka jalo e tshwanetse go agwa ka maotwana a mararo; barutabana, batsadi le baithtuti.

Fa a abela baithuti dimpho ba mo  nakong ya gompieno ba dirang mophato wa ntlha kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong Unified, morui Rre Reemeleng

Matswiri o boletse fa a ne a bona go le botlhokwa gore a rotloetse baithuti gore ba dire ka natla mo dithutong.

A re go dira sentle mo dithutong go ka ba thusa go ipetlela bokamoso jo bo siamemg.

Rre Matswiri yo gape e leng mokhanselara wa pele wa motse oo,  o ne a supa fa a ne a ithaopela go atswa baithuti ka  a ne a gwetlhwa ke go bona bana ba tsweletse ka go fenya ditlhatlhobo tsa lekwalo lwa bosupa.

O ne a abela baithuti ba le borobabongwe; ba babedi ba ba neng ba tsere letshwao la  ‘A’ a ba abela podi mongwe le mongwe wa bone.

Ba letshwao la ‘B’ ba le babedi a ba neela P600 ka bongwe ka bongwe ba batlhano ba ba tsereng ‘C’ ba ikgapela P300 mongwe le mongwe e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko le gone go tsenya marapo dinameng mo dithutong.

E re ka jaana baithuti bao ba kgonne ka lebaka la morutabana wa bone le ene o ne a mo abela phelefu go mo akgolela  tiro e ntle e a e dirileng ka bana bao  ba  lekwalo la bosupa ba dirile ka botswerere. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Nov 2020