Banni ba kopiwa go tlhagafalela mananeo
17 Nov 2020
Kgosi Daosa Manka wa Kacgae kwa kgaolong ya Ghanzi o kopile morafe go tlhagafalela mananeo aa lebaganeng le go tokafatsa matshelo a bone.
O ne a bua kwa moletlong wa go rola lenaneo la Bridge Botswana le le rotloediwang ke UNESCO Bridge of Korea.
Kgosi Manka o ne a supa matshwenyego a go phutlhama ga mananeo kwa motseng o.
A re se, se dirwa ke gore bangwe ba fela dipelo fa ba bangwe ba sa tsenye marapo mo dinameng.
Kgosi o ne a gwetlha morafe go itse gore motho o tshwanetse go ja mofufutso wa phata ya gagwe e seng go baya fela mo dithusong tsa puso.
Mokwaledi wa Botswana National Commission for UNESCO, Mme Dineo Modimakwane, a re maikaelo a lenaneo ke go tlhabolola thuto go itebagantswe le dintha tse tharo, ebong thuto ya bananyana, go bala le go kwala le go ruta motho go dira tiro ya diatla.
Mme Modimakwane a re ka ba itebagantse le metse e e kgakala le ditlamelo ba ne ba kgetha do bereka le Mmaothate, Kacgae le New-Xade go tswa ka ngwaga wa 2016 go fitlhelela ngwaga ono.A re ba ne ba simoloala ka go tlhatlhelela barutintshi.
Mogolwane a re ba ne ba aga lefelo la ithutuntsho kwa Mmaothate, fa kwa Kacgae le New-Xade ba itebagantse le didirisiwa tsa thuto.
O supile gore mo dingwageng tse tlhano tse ba neng ba bereka le metse eo, go nnile le tema.
Moemedi wa thuto go tswa kwa moding, Mme Malebogo Lechiile, yo o supileng fa ba tlaa tsweledisa fa Bridge Botswana e emeng teng, a re thuto tse di tsamaelana le lenaeno la Education and Training Sector Strategic Plan (ETSSP).
Moemedi wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Mme Zanele Busang, a re lenaneo la Brigde Botswana le ba thusitse thata ka bane ba a fa morafe dikitso tsa go tlhokomela ngwana ebile ba kgonne go tlhama dikomiti tsa botsogo tse di tla di tsweledisang fa lenaneo leo le emeng teng.
Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding,Rre Brown Sethapelo ene o ne a lebogela UNESCO Bridge of Korea go ruta motho go tshwara thapi eseng go mo fa tlhapa kgotsa go ruta motho go itshetsa eseng go mo direla ka nako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : KAGGAE
Event : Moletlo
Date : 17 Nov 2020