Motsamaya ka dinao a tlhokafala mo kotsing
17 Nov 2020
Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi ya koloi e e gapileng botshelo jwa motsamaa ka dinao ka Sontaga.
Mogolwane wa mapodisi a pharakano, Superintendent Bakani Taleyana, o tlhalositse gore moswi ke rre wa dingwaga tse masome mararo le boroba bongwe, mme kotsi e diragetse mo tseleng ya A14 go lebagana le marekisetso a leokwane a PH filling station kwa Letlhakane.
Supt Taleyana o tlhalositse gore ditlhotlhomiso di supa gore moswi o ne a thulwa ke koloi fa a ne a kgabaganya tsela.
“Rre yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong ka dikgobalo mo tlhogong mme ba bongaka ba tlhalosa fa a setse a tlhokafetse,” ga tlhalosa Supt Taleyana.
Rre Taleyana are mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Runx e amegileng mo kotsing eo ke rre wa dingwaga tse di masome mane le bongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gorataone Mmolotsi
Location : Letlhakane
Event : Pego
Date : 17 Nov 2020