Breaking News

Maduo a dikole a wetse tlase

17 Nov 2020

Modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Simon Ramaphoi, a re segajaja sa COVID-19 se nnile le seabe mo kwelong-tlase ya maduo a ditlhatlhobo tsa fa gare ga ngwaga mo dikoleng.

O buile jalo kwa tshimologong ya phuthego ya khansele potlana ka Mosupologo.

A re seemo se, ga se jese diwelang ka jaana maduo ao a dirisiwa go kala ipaakanyo ya baithuti pele ga ba kwala ditlhatlhobo tsa makgaola kgang ngwaga o fela.

Rre Ramaphoi a re kwelotlase eo e bakilwe ke kgaupetso dithuto ka maiteko a go hema kanamo ya mogare wa corona go simologa ka kgwedi ya Moranang.

A re se se ngomola pelo ka jaana go supa fa maduo a makgaola kgang mo kgaolong ya bone a tlaa dika a le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng.

Mo godimo ga moo, modulasetilo a re go tlhagoga ga COVID-19 go ne ga baka tlhaelo ya matlwana a borutelo mo dikoleng tse dipotlana ka jaana go ne go salwa morago ditaelo tsa go katologana.

A re go ne ga patelesega gore bana ba tsene ka go fapaana go itsa mosuke mo dikoleng.

A re e re le ntswa thulaganyo ya go nna jalo e na le dikgwetlho, thuto e tsweletse mo dikoleng.

Rre Ramaphoi a re lephata la thuto e e faphegileng kwa sekoleng sa Segopotso kwa Kanye le amegile thata ka jaana go se bonolo go fapaanya baithuti bao.

A re lephata leo le na le bana ba le masome a marataro le borataro, mme thuto ya bone e amegile fela thata.

O kopile ba-na-le seabe go thusa ka matlwana a borutelo ka jaana khansele e sena madi a dikago dipe fela mo dikoleng.

Mo go tse dingwe, modulasetilo a re thulaganyo ya go fa bana dijo kwa dikoleng e tsweletse sentle.

Rre Ramaphoi a re ba tshwaragane le batho ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma go rekisetsa khansele borotho,merogo gammogo le mae ele tsela nngwe ya go rotloetsa dikgwebo tsa bone.

A re le ntswa puso e tsere tshwetso ya go tsenya nama le tlhapi mo lenaneong leo, go tlhagoga ga COVID-19 go ne ga kgoreletsa dipuisanyo, ka jalo di solofetse go tswelela pele ga ngwaga ono o fela.

Rre Ramaphoi o ne a kopa setshaba go tsaya ka tlhwaafalo dikgakololo tsa ba botsogo go kganela kanamo ya COVID-19, bogolo jang mo dikoleng.

A re bana bangwe ba ba kwalang ditlhatlhobo ba kgaupeditswe ka jaana ba ne ba tshwanelwa ke go tsena mo serubing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 17 Nov 2020