Breaking News

Monna o ipolaile a sena go bolaya mokapelo

17 Nov 2020

Mapodisi a Good Hope a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng monna le mosadi ba Tsoaneng ba tlhokafetse.

Ramapodisi wa Good Hope, Rre Mogomotsi Kwapa, o tlhalositse fa ba amogetse pego phakela ka Mosupologo mme go belaesega monna a bolaile mosadi ka tsatsi la Tshipi, mme a ikgapela botshelo fa a sena go dira jalo.

O tlhalositse fa tiragalo e begilwe ke ngwana wa mme yo, yo ene a neng a robala kwa ntlong e nngwe le mmagwe-mogolo.

Ngwana o boletse fa e rile a ile go tsaya setlolo kwa ntlong ya ga mmaagwe, a fitlhela seemo se se ngomolang pelo se.

Rre Kwapa o tlhalositse fa monna a fitlhetswe a itseetse botshelo sekgala go bapa le ntlo e a bolaetseng mosadi teng.

Monna o ne a le dingwaga di le masome a mararo le boferabongwe fa mosadi ene a le dingwaga di le masome a mararo le borataro.

Rre Kwapa o ikuetse kwa setshabeng gore fa lerato le fedile ba leke go itlhoboga mme ba tswelele ka botshelo jwa bone.

O kopile borre gore ba gopole gore pele ga ba kopana le mokapelo yo ba ne ba ntse ba le mo leratong ka jalo fa lerato le seo ba itlhoboge ba batle yo mongwe ka polao e se yone e ka rarabololang mathata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Good Hope

Event : Pego

Date : 17 Nov 2020