Breaking News

Koogane o tswakanya kgwebo

17 Nov 2020

Ka gotwe tlhogo ya monna matsatsa, molemi morui kwa Seolwane, Rre Kaone Koogane, ka go lemoga fa temo e le selo sa paka nngwe o ne a ja tlhogo go bona gore o ka e tswakanya.

Rre Koogane yo o dingwaga tse di masome a mane, o ne a tlelwa ke kakanyo ya nosetso ya ditshipi.

Ka jalo e ne ya re ka ngwaga wa 2007 a tlhama khamphani e e bitswang Brace Holy Metals Investments.

Le ntswa a sa ela sekolong dithuto tsa nosetso ya ditshipi, o gogetswe mo kgwebong e ke lerato la go dira ka diatla ka tumelo ya gore tlhaloganyo le diatla di ka jesa motho.

A re o simolotse kgwebo ya gagwe ka P100 fa a ne a dira moriti o o dirisiwang kwa dintshong, ka nako ya teng tshipi e ne e sa ture go na le gompieno.

Ka go bona kgatlhego ya banni mo tirong ya gagwe, a bona gore kgwebo e tlhoka go atolosiwa, ka jalo a ja tlhogo go bona gore o ka bona thuso kae.

“Ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong ke ne ka tsenya ikopelo kwa letloleng la Youth Development Fund (YDF), mme ke ne ka retelelwa. Ka seka ka ineela ka e rile morago ga dingwaga tse tharo ka tsenya kopo mme ya atlega ba nthusa ka P100 000 ka ngwaga wa 2017,” ga bua Rre Koogane.

A re Brace Holy Metals Investment e dira meriti e e dirisiwang kwa dintshong, dimausu, kara ya ditonki, ditilo, ditafole, dipitsa tse di lemelang dithunya, mekoro, ditshipi tsa dikgomo le mantlwana a boiteketso mo go tse dingwe.

“Ke na le ditilo di le 50 tse ke di adimang batho fa ba na le mediro mme ke sa ba lope sepe tota ke dira se ka lerato fela,” ga bua Rre Koogane.

Rre Koogane a re batho ba YDF ba nna ba tla kwa ga gagwe kgapetsakgapetsa ba tsile go tlhola ka fa kgwebo ya gagwe e dirang ka teng

“Ke leboga lenanaeo le la YDF go menagane ka kgwebo yame e atlegile ka seabe sa bone, nna le ba lelwapa lame ga re wele mo isong ka kgwebo e e re jesa.”

A re go sa ithutela tiro e, ga se sekgoreletsi ka a ikemiseditse go lepalepana le dikgwetlho

Mogwebi yo a re ga gona marekisetso a ditshipi kwa Seolwane, ka jalo o pagama go ya go reka didirisiwa kwa Maunatlala, Lerala, Palapye, Francistown le Gaborone, mme ditlhwatlhwa tsa ditshipi le tsone di kwa godimo.  A re go sa duele sentle ga bareki ke kgwetlho.

Rre Koogane a re kgwebo e e na le dipoelo e bile e fetotse botshelo jwa gagwe fela thata ka a kgonne go reka dikgomo le dipodi gape o thapile  borre ba le babedi.

“Ga ke a ikaega ka kgwebo ya nosetso ya ditshipi fela. Ke ruile dikoko tsa nama gape ke baakanya le dikoloi. Mo dingwageng tse di tlang ke eletsa go bona kgwebo yame e aname lefatshe lotlhe ka bophara, e diretse banana ditiro go leka go lwantsha letlhoko la ditiro mo Botswana ka ke lemogile fa banana ka bontsi ba ntse mo malwapeng ba sa bereke,” ga tlhalosa Rre Koogane.

O ne a kgothatsa banana go inaakanya le mananeo a puso go lwantsha lehuma gore ba kgone go itshetsa.
 

“A ba tlogele go lwantsha bagolo kwa Ipelegeng, ba kokote  mo mabating a puso ba kope dikgakololo le maele ka mananeo a puso,” ga tlhalosa Rre Koogane.

A re kgwebo e tlhoka lerato le bopelotelele gore e atlege.

A re go simolodisa dikgwebo go botlhokwa mo go tlhameng ditiro, a re e bile go monate go ipereka go na le go bereka motho o mongwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : SEOLWANE

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2020