Breaking News

Tshwaragano motheo wa popota

16 Nov 2020

Badiri ba ofisi ya boipelego ba tshwaragane le banni, badiri ba marekisetso a dithoto tsa kago le sekole sa thutelo tiro ya diatla sa Marobela, ba agetse Mme Edzani Goitsemang  ntlo ya dikamore tse pedi.

Fa a rola ntlo eo semmuso kwa Marobela ka Labotlhano, mogwebi wa Tutume, Rre Power Monyamane, o boletse fa Batswana e le batho ba ba tswang kgakala ba tshegeditse mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokang.

Rre Monyamane a re se se dirilweng ke bokopano joo ke go diragatsa lengwe la matshego a Tebelopele ya 2036 la tlhabololo ya batho le matshelo a bone, ka ba kgonne go fa mongwe seriti ka go mo agela ntlo.

A re go a itumedisa go bona batho ba tshwaragane ba le moono mongwe fela, go dira tiro e tona eo ya go agela mongwe bonno gore le ene a kgone go nna fa go sirelesegileng.

O supile fa mpho e ba e abetseng Mme Goitsemang e le kgolo thata, mme e tlaa dira pharologanyo mo botshelong jwa gagwe.

O tlhalositse gore se ba se dirileng se supile gore fa batho ba dira ba le seopo sengwe ba ka kgona go fitlhelela maikaelelo a bone.

Rre Monyamane o ne a gwetlha batho go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong mo tikologong e ba nnang mo go yone.

O ne a galaletsa botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, a ba kopa go tswelela ka mowa o le mongwe go thusa ba bangwe.

Fa amogela baeng, Kgosi Rapelang Kgosi o ne a akgola tiro e ntle ee dirilweng ke badiri bao. Kgosi o ile a kopa Mme Goitsemang go tlhokomela ntlo eo.

Fa a tswa la gagwe, Mme Goitsemang o ne a leboga ofisi ya boipelego go bo ba ne ba tsibogela seemo se a neng a le mo go sone, morago ga gore ntlo ya gagwe e gosomane morago ga dipula.

O ne a ba kopa go tswelela fela jalo ka go thusa bao ba ba wetsweng ke seru.

Rre Monyamane o ne a abela komiti e e neng e rulagantse kago ya ntlo eo madi a kanang ka P1 000 go tlatsa fa go tlhaetseng gone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Marobela

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Nov 2020