Breaking News

Kwa Motshegaletau ba ipaakanyeditse temo

15 Nov 2020

Balemi ba masimo a Motshegaletau ba tsweletse ka go ipaakanyetsa temo ya monongwaga.

Mo potsolosong, Kgosi Mogotsi Mosweu o ne a supa fa balemi ba sa kgobega marapo, le ntswa ba ne ba seka ba ntsha thobo e ba neng ba e solofetse ka nako ya kiletso mesepele ka Moranang.

A re mo nakong eno go na le bangwe ba ba setseng ba beile ditema, le ntswa ba ise ba phakisiwe dipeo.

Kgosi Mosweu o ne a supa matshwenyego ka ditholo tse a bolelang di le dintsi thata.

A re ditholo tseo di dira tshenyo ka nako ya temo, mme di felele di isa thobo ya bone kwa tlase.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mosweu o ne a supa fa banni ba sa le ba kopile lekgotla la kabo ditsha go ba baya ditsha mme nako kgolo ke eno.

Ka jalo a re bangwe ba feletse ba ipaya ditsha, ba bo ba aga mo go tsone, mme o tshwaragane le namane e tona ya go bua le bone gore ba emise go dira jalo.

O ne a supa fa letlhoko la ditsha le felela le tsisa dikgotlhang mo malwapeng, ka bangwe ba ba ipeileng ditsha ba supa fa ba setse ba godile jaanong ba ka seke ba kgone go nna le batsadi mo malwapeng.

A re ba supa fa ba setse ba le bantsi mo malwapeng, mme ba tlhoka gore ba kgaogane le ba ba ntseng ba nna le bone, mme ba ipatlele bonno.

O ne a ikuela mo banning go emisa go ipaya ditsha ka go se ka fa molaong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Moiyabana

Event : Potsolotso

Date : 15 Nov 2020