Barui ba rutuntshiwa go dira dijo tsa leruo
15 Nov 2020
Motshwarelela moeteledipele wa lephata la tsa temo-thuo le tlhomamiso dijo kwa Kgalagadi, Rre Bornwell Mabechu, a re barui ba tshwanetse go direla leruo dijo go lepalepana le dipaka tsa leuba.
Rre Mabechu o buile se mo ithuthuntshong e e neng e rulagantswe ke balemi barui kwa Kisa. A re ditshekatsheko di supa fa dipalo tsa leruo di fokotsega bogolo jang thata tsa dikgomo, dipodi le dinku, mme se se bakiwa ke go tlhoka go fepa leruo sentle.
Ka jalo o ne a kopa balemi barui go ema ka dinao, go batla methale ya gore diruiwa di ka fepiwa jang ka nako ya fa phulo e phaphaletse.
A re go direla leruo dijo go ka fokotsa dipalo tsa leruo le le swang ntateng ya leuba, a tlatsa ka go ba rotloetsa gape gore ba rekise bontlha bongwe jwa leruo la bone go reka dijo.
Rre Mabechu o iteetse barui bao legofi go bo ba ne ba bona go tshwanela go ipopa go ya go kopa thuso kwa lephateng leo, selo se a reng se supa botlhaga le go nna le maikaelelo a go ntshetsa lefatshe dijo.
O ne a kgothatsa barui go tlhama le go nna maloko a dikomiti tsa balemi barui, ka mo go ka ba thusa gape le gore ba beye tlhwatlhwa e le nngwe mme ba seka ba jewa ntsoma ke bareki.
Rre Mabechu a re go tlhamiwa ga ditlhopha go ka ba thusa go akola mananeo botoka.
A re fa ba ikopantse ba ka akola botoka mananeo a puso jaaka ISPAAD le LIMID eng le nang le lenaneo la go dira dijo.
Fa a bua ka tse dingwe, Rre Mabechu o ne a gakololola balemi barui go emisa go tsenya leruo mo masimong go jesa letlhaka mme a re go botlhokwa gore letlhaka leo le silwe le tswakanngwe le menontshane e mengwe go direla leruo dijo.
A re go tsenya leruo mo masimong go ka tsisa mohero.
Moitseanape wa go tswakanya dijo tsa leruo go tswa kwa lephateng la dipatlisiso tsa temo-thuo kwa Kang, Rre Seboko Molatlhegi, a re leruo le bolawa ke tlala ka jalo go botlhokwa go le direla dijo.
A re ga gona malwetse ape a a kalo mo kgaolong eo mme bothata jo botona ke leuba.
A re dijo di tswakanngwa go lebilwe gore morui o batla go fitlhelela eng mo leruong la gagwe, a tlatsa ka gore morui o ka tswakanya dijo a lebile gore o batla gore leruo le tsenye nama, le tsale, kana le gole sentle.
Rre Molatlhegi a re go botlhokwa gore go nne le sekale gore go tswakanngwe ka dipalo tse di letlelesegang go ntsha seruiwa se se nang le boleng.
Rre Molatlhegi a re barui ba ka dirisa tlhaga kwa nageng kana ba dirisa e e lemiwang jaaka napier grass le lablab. Tse dingwe tse di dirisiwang ke mabele, mmidi o mohibidu, letlhaka la mmidi, molasses, letswai, dikelekesi, moroko, le urea.
Fa a tswa la gagwe, kgosana ya Kisa, Rre Hendricks Kelefhile, o ne a lebogela dithuto tseo tse a reng ba di kopile morago ga go bona ba babalelwa ke go rekela leruo dijo fa bangwe ba retelelwa ke go reka.
A re ba ne ba gwethilwe ke gore barui ba ikaega ka phulo mo nageng mme ga e ba solegele mosola ka go sena pula.
Rre Kelefhile o supile fa go le botlhokwa go ipapana ka kitso go kganela leuba le le bolayang leruo la bone, a re seo se ka ba thusa go tlhatloga ka ba ntse ba jela mo ganong.
Mo potsolotsong, mongwe wa ba tsena dithuto tseo, Rre Sedwin Kgaodi, o supile fa a ithutile gore go botlhokwa go itirela dijo tsa leruo, a tlatsa ka gore go tlwaelesegile gore balemi ba latlhe tshimo morago ga go roba, .
O ne a gatelela fa ba tlaa ikopanya e le banana go tsaya mananeo a puso gore ba dire dikgwebo tse di dirang dijo tsa leruo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Kisa
Event : Ithuthuntsho
Date : 15 Nov 2020