Kgari o lela ka kgokgontsho
15 Nov 2020
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a re o tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho le dipolao tse di diragalang kwa kgaolong ya gagwe.
Fa a bua le babega dikgang ka Labone, Kgosi Kgari o boletse fa bogosi bo kopane le makalana a puso le a ikemetseng go ruta bana, bogolo jang ba basimane, ka kgokgontsho ya bong.
O tlhalositse fa a sa beye sebete kgokgontsho ya bong, dititeo, dipolaano le go dirisiwa ga bana botlhaswa.
A re go botlhokwa gore morafe o itshekatsheke mme o baakanye diphoso tsa one fa bana le bone ba tshwanetse go ikaga.
Kgosi Kgari o boletse fa bana ba tshwanetse go itse gore ga gona ope yo o tshwanetseng go rontshiwa ditshwanelo, A re lerato ga le a tshwanela go patelediwa, ka jalo batho ba tshwanetse go amogela fa bakapelo ba bone ba sa tlhole ba ba rata.
O tsweletse a tlhalosa fa batho bangwe ba ba nyalaneng ba kgonne go kgaogana, mme go sena ope yo o gapetsweng botshelo.
Ka jalo a kopa baratani gore le bone ba kope thuso mo dikgotlaneng tsa bone gore ba tsereganngwe mme fa ba kgobokantse dithoto mmogo, le tsone di kgaoganngwe ka tolamo.
O ne a supa fa a itumeletse tshwetso e e tserweng ke lephata la molao ya go tlhoma makgotla a bosekisi a a faphegileng.
Kgosi Kgari o ne a kopa batsadi le batho ba ba kgokgontshitsweng gore ba seka ba tsholola dikgang tsa bone ka gore go kgonagala gore ba nne mo diphatseng.
E re ka Molepolole a rwele dipalo tse di kwa godimo tsa batho, kgosi o ikuetse ko pusong go oketsa dipalo tsa bodiredi le di ofisi tsa sepodisi.
Fa a tsibogela dikgang tsa mogare wa COVID-19, Kgosi Kgari o ne a bolela fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa saleng ditaelo tsa bongaka morago.
O buile fa ba botsogo ba dirile tiro ya bone sentle ka go gakolola setshaba gore se iphaphe mo bodiphatseng jwa bolwetse, mme tsotlhe di saletse Batswana.
Kgosi Kgari o kopile morafe go tswelela ka go tlhapa diatla ka molora, go ipipa melomo le dinko le go katologana.
O gakolotse gape gore go ka dirisiwa maranyane go supegetsa batho gore mediro e tsweletse jang.
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo, ene o boletse fa Molepolole a dira dikgang ka ditiro tse di sa eletsegeng, a tlatsa ka gore mo go ka ama ditlhabololo ka babeeletsi ba di kgwebo ba ka seka ba okwa ke dikgang tsa kgokgontsho, dititeo, dipolaano le tse dingwe tsa borukutlhi.
Mokhanselara o ne gape a tlatsa mafoko a kgosi a gore Molepolole o tlhoka ofisi ya sepodisi e e tlhabologileng.
Rre Leo o ne gape a ikuela mo batsading go emela bana ba bone ka dinao, a re go botlhokwa gore go boelwe kwa ngwaong ya Setswana, e neng e itsa gore batho ba nne mmogo ba sa nyalana.
A re se se tshwanetse go kgalengwa, a tlatsa ka gore go na le batsadi ba ba ipeileng moriti o tsididi ka ba jesiwa, mme ba lelele thata fa go setse go senyegile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 15 Nov 2020