Breaking News

Kgosi Gabogopolwe o kgala matlhapa

12 Nov 2020

Kgosi Madala Gabogopolwe wa Sehunou mo kgaolong ya legare o kgadile go dirwa le go nowa phetelela ga majalwa a a sa letlelelweng mo motseng.

Fa a bua mo potsolosong ka Labobedi, a re majalwa ao a felela a baka kgokgontsho mo malwapeng, dikgobalo le dintsho.

O tlhalositse fa bangwe ba dira majalwa a a bogale, mme morago ga go a nwa, bangwe ba tlhoke kutlwisisanyo, fa bangwe ba felela ba rogana, ba bangwe ba lwa go dirisiwa dilo tse di borai tse di felelang di baka dikgobalo le dintsho.

Kgosi Gabogopolwe o boletse fa e rile bosheng, mongwe yo o neng a nole bojalwa jwa mofuta oo, a fitlhela bana ba tshameka mo patlelong, mme a ba tsatsanka ka thipa ba bo ba tlhokafalela gone foo.

A re beke e e fetileng gone, mongwe o ne a gobatsa mapodisi ka go ba tlhaba ka thipa mo maotong le mo mab ogong, fa bane ba leka go mo tshwara a dirile molato.

O boletse fa matlhapa le dintwa tseo di dirwa fa pele ga bana, ba e reng isago le bone ba dirise mafoko a a fatlhang fa pele ga batsadi.

Kgosi a re gape batho ba kgobokanela kwa go nwelwang teng, ba tlola melawana ya go kganela kanamo ya mogare wa corona, a tlatsa ka  go re, fa go omanwa, batho ba apola dithiba melomo le dinko.

A re e tlaa re mo bogaufing, a tsamaye le dikgotlana tsa motse wa gagwe tse tlhano, a gakolola banni gore go dira majalwa ao le go kgobokana ke molato.

Kgosi a re e re le mororo puso e thusitse ka gore banni ba tsenye matsogo mo lenaneong la Ipelegeng, fa ba amogela go nna mathata ba lala ba bina bosigo jotlhe, ba anwa majalwa, ba sa itshereletse mo bolwetseng ja COVID-19, gape ba lwa ba bo ba bolaana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEHUNOU

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Nov 2020