WILDCRU e ba thusa go tshela le ditau
12 Nov 2020
Mekgatlho e e ikemetseng ka go farologana bogolo jang e e tlhamilweng ke barati ba diphologolo le ditsa tlholego, e tsweletse ka go tlhangwa mo kgaolong ya Chobe, go thusa banni go tshela ka kagiso le diphologolo.
Mekgatlho e tshwana le wa Wildlife Conservation Research Unit (WildCRU), o o tlholegang kwa Ennyelane, e bile e le karolo ya Oxford University, o simolotse go thusa banni ba Chobe Enclave mabapi le selelo sa diphologolo go simolola ka 2017.
Mo potsolosong, moeteledipele wa mokgatlho o, o o le teng mo mafatsheng a le masome mabedi lefatshe ka bophara, e bile o na le ofisi mo Kavimba, Mme Mubuso Kakambi a re mokgatlho o santse o itebagantse le Kachikau, Kavimba le Mabele, mme o tlaa anama le Chobe Enclave yotlhe.
A re WildCRU mo kgaolong ya Chobe, e itebagantse le go thusa banni go tshela le ditau. A re mo go rerisaneng le merafe ya metse, banni ba ne ba supa fa ba ka thusiwa ka go agelwa masaka a a tiileng, ka jaana ditau di ba jela leruo, mo nageng le mo masakeng tota.
Mme Kakambi a re ka dipatlisiso tsa bone di ne tsa supa fa e le nnete ditau di latela leruo mo masakeng bosigo. A re ba ne ba fefogela go thusa barui ka masaka, mme e bile mo nakong eno ba setse ba agile a le 23 mo Kavimba le Mabele.
A re pele ga ba tla go aga lesaka ba etela morui go tla go dira patlisiso e e tseneletseng go bona gore a ke nnete lefelo leo ke boremelelo jwa ditau le gore morui o tlhoka lesaka le le kana kang, ba lebile palo ya leruo.
Mme Kakambi a re fa ba lemoga gore ke nnete leruo le mo diphatseng, ba bolelela morui gore a batle mapako a le kae, mme fa a setse a a bone, ba mo rekela heke, terata le dibautu go tswa foo ba tle ka diboro le dishaga go tla go dira tiro.
Se se itumedisang Mme Kakambi bogolo segolo ke gore mo baruing botlhe ba ba setseng ba agetswe masaka, ga go ise go nne le ope yo o jetsweng ke ditau ntswa pele e ne e le selelo le khuranyo ya meno.
A re maikaelelo a mokgatlho ke go tlhomamisa gore barui ga ba senyediwe, e bile le tsone ditau ga di bolawe ka ntlha ya gore di abo di bakile tshenyo.
A re kwa ntle ga go aga masaka, ba tsamaya le kgaolo ba ruta banni gore ba ka iphemela jang mo diphologolong di tshwana le ditau, ditlou, bonkwe, matlotse, bophokoje le tse dingwe tse di tshwenyang mo Chobe. O tlhalositse fa ba dira jalo ka go ruta mo makgotleng, dikole le mo ofising ba kgona go rulaganya dibaesekopo tse di rutang batho.
Mme Kakambi a re ba dira le maphata a tshwana le la Wildlife and National Parks ka jaana morago ga dikgwedi tse tharo ba dira pego go e isa teng. A re ka Phukwi barui ba ne ba beilwe ka fa mosing ke diphiri, mme gape ba le maoto a tshupa go bega ka jaana phiri e sena phimolo keledi.
Mme Kakambi a re o ikuela mo baruing go bega tshenyo nngwe le nngwe ya diphologolo, ka seo se ka thusa puso go tsaya ditshwetso dingwe jaaka go akaretsa diphologolo tse dingwe mo phimolo keleding.
Rre Andrew Mukwati yo o tlhokometseng Kavimba a le mo WildCRU ene o rotloetsa banni go ntsha leruo mo metseng ka jaana le oka dibatana go tla gaufi le motse, ka jalo di nne borai mo matshelong a batho.
Mme Goutlwamang Magasela, yo a lebaganeng le Kachikau ene a re banni ba eme ka dinao ba akole lenaneo la WildCRU, ka jaana le ba fa thuso e e lekanang ya go sireletsa leruo go sa kgathalesege gore a ba humile kana ba dikobo dikhutshwane.
Rre Kebonang Mangise, yo o lebaganeng le Mabele ene a re jaaka itsholelo ya lefatshe leno e ikagile ka bojanala, Batswana ba tshwanetse go sireletsa diphologolo ka gotlhe mo ba ka go kgonang le go tlhomamisa gore ba di sireletsa gore dikokomane tsa bone di di fitlhele. A re diphologolo ga di botlhokwa fela mo bojanaleng, mme gape di botlhokwa mo tikologong.
Mongwe wa barui ba ba thusitsweng ka go agelwa lesaka, Mme Lillian Porote a re o utlwile ka WildCRU ka 2017, mme a itshwaraganya le bone go fitlhelela a agelwa lesaka ka 2019.
A re pele ga a agelwa lesaka, o ne a na le lesaka mme le sa tia, ka jalo ditau di ne di bolaya dikgomo tsa gagwe kgapetsakgapetsa. A re e ne e re fa tau e di tsosa e le kwa ntle ga lesaka, di bo di tlolela kwa ntle mme tau e tlhophe e nngwe e bolae.
Mme Porote a re mo nakong eno le fa tau e tshosetsa dikgomo ga di kgone go tlola lesaka ka jaana le le thata e bile terata ya lone e le kwa godimo.
A re kwa ntle ga go aga lesaka, WildCRU e ba neetse divuvusela tse ba di dirisang go tshosa ditau ka modumo fa ba di bona di batla go ba tlhasela. O kopile banni ba bangwe go itshwaraganya le ba WildCRU go ba thusa go sireletsa leruo mo dibataneng, a supa gore fa a sale a thusiwa dikgomo di atile.
Kgosi Josephat Mwezi ene a re thuso ya WildCRU e siame thata e seng fela ka le ene a thusitswe, mme e le ka gore fa ba sale ba tsile ka lenaneo leo ba tshwaraganye thata le boeteledipele jwa motse ka mananeo le go thusanya dikgwetlho tse di amang tshenyo ya dibatana.
E ne ya re pele ga a thusiwa ke WildCRU, a bona masaka a a agilweng ke mokgatlho oo kwa merakeng ya Mawana le Matlhabanelo, mme a gwetlhega go ikopela go thusiwa ka masaka ao a tiile e bile beng ba one ba supa gore ga ba sa tlhole ba tshwenngwa ke dibatana.
Kgosi Mwezi a re kwa ntle ga go agelwa lesaka, o ithutile gore banni ba Chobe ba tshwanetse go tlhabolola ka fa ba agang masaka ka teng, ka jaana go le gantsi le fa ba dirisitse tereta, dikgomo di tswelela ka go bolawa ke ditau.
“Ke lemogile gore, gore lesaka le sireletse dikgomo, le tshwanetse la nna le dipalelo tse di tshwaraganyeng kwa ntle le mo teng ga tereta, go itsa gore fa tau e kgomogela leruo e le kwa ntle di felele di diga terata,” a tlhalosa jalo.
A re gape WildCRU, e dira terata e e kwa godimo go itsa gore tau e ka tlolela. A re botlhe ba ba agetsweng masaka ke WildCRU ba bona boroko. O bile a rotloetsa morafe go ikopanya le mokgatlho oo go utlwa ka lenaneo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Nov 2020