Ntsa ke modisa yo o molemo
11 Nov 2020
Ntsa ke seruiwa se bontsi jwa batho ba nnang le sone mo lwapeng.
E ka tswa e le kwa masimo, merakeng le mo motseng kana mo magaeng.
Bangwe ba supa fa ba rua ntsa gore e ba sireletse gotlhe le dithoto tsa bone fa bangwe ba e rua fela ka ba na le lerato mo go yone e bile ba dumela fa ntsa e le tsala ya motho.
Mme Mosweu Malela wa masimo a Lesoko go bapa le Mogorosi ke mongwe wa batho ba ba dumelang fa motho a tshwanetse go nna le ntsa mo lwapeng ka e le yone mosireletsi e bile motho a sa nne le ditshenyegelo tse dintsi mo go nneng le yone.
Mme Malela yo o nang le dintsa di le tharo a re ntsa e le nngwe o ne a e reka ka koko mme ga a ngongorege ka tsotlhe di mo direla tiro.
A re mo botshelong jwa gagwe ga a ise a tlhoke go nna le ntsa ka a dumela fa e le botlhokwa ka e kgona go mo sireletsa le ba lwapa la gagwe e bo e sireletsa le dithoto tsa gagwe.
Go ya ka Mme Malela, fa Batswana ba ne ba ka rua ntsa e ne e ka ba sireletsa, bogolo jang mo dirukutlhing tse di tlhorontshang batho mo malwapeng ka go ba amoga dithoto.
A re mo nakong eno o ruile dipodi le dikoko mme ga di tshwenngwe ke sepe ka dintsa di di sireletsa ka go koba tsotlhe tse di ka nnang le matshosetsi mo go tsone.
Mme Malela a re mo dinakong tse dingwe diphologotswana tse di jang dikoko, bogolo jang tibe di a tle di leke go tsena di re di ja dikoko bosigo, mme dintsa di bo di tlhaba mokgosi ka go di bogola.
Ka jalo a re ke gangwe le gape a utlwa barui ba bangwe ba lela ka go re phokojwe o ba jela dipodi mme a ba gakolola go rua dintsa gore di ba thuse.
Mme Malela a re dintsa tsa gagwe ga di tlhokane le gore a di rute tiro ya tsone ka go mo mading a tsone gore di sireletsa motho le dithoto tsa gagwe.
O ne a fa sekai a supa fa e kile ya re nako nngwe go le makuku a naka tsa kgomo ba santse ba robetse ba utlwa dintsa tsa bone di bogola thata.
A re fa ba okomela kwa ntle ba fitlhela bangwe ba re ba ba amoga dipodi e bile ba tla ka koloi go supa fa ba ne ba batla go di utswa.
A re ba ne ba boifa go tswela kwa ntle mme batho bao ba felela ba siile ka dintsa di ne di gomagometsa go ba loma.
Mme Boikhutso Thuso yo le ene e leng wa masimo a Lesoko o tshepha ntsa ka e le mosireletsi wa motho.
O supile fa le ene a nna le ntsa ka dinako tsotlhe mme a itumelela ka fa e mo sireletsang ka teng le dithoto tsa gagwe.
A re se a se ratang ka dintsa tsa gagwe ke gore di kgona go tsamaya le dipodi fa di ya go fula di bo di nna podi matseba gore sepe se seka sa di tshwenya.
O ne a rotloetsa setshaba go tsaya malebela mo go bone ka ba nna ba sireletsegile, bogolo jang ka ba nna kwa masimo e bile ba ise ba nne le dikgang tsa gore ba amogilwe leruo.
Rre Keletsositse Kgomokgwana wa Moiyabana ke mongwe wa ba ba ruileng dintsa ka a na le lorato lwa tsone.
A re dintsa tsa gagwe tse tlhano ke ditsala tsa gagwe ka o tsamaya le tsone fa a tswa mo lwapeng a tsena mo motseng.
A re ntswa a di ruile fela ka a na le lorato mo go tsone, le ene di a mo sireletsa.
A re o na le dintsa tse dingwe tse a di rekisetsang banni ba motse go itirela letseno ka le ene a dumela fa ntsa e le seruiwa se se botlhokwa.
E re ka ntsa e le botlhokwa mo botshelong jwa motho, Rre Kgomokgwana o ne a rotloetsa setshaba go e tlhokomela ka le yone e tlhokana le go ja dijo tse di phepa, go nwa metsi, go isiwa bongakeng le gone go tlhapisiwa. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOIYABANA
Event : Potsolotso
Date : 11 Nov 2020