Breaking News

Laolang maikutlo le boloke matshelo - Dikoloti

10 Nov 2020

Tona wa lephata la Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti a re ntswa go tlwaelesegile fa mafelo a ngwaga e le nako ya boitumelo, se se tshwanetse go fetoga ngwaga ono, a re go tlhokafala gore go itingwe monate go itsa kanamo ya mogare wa corona.

Dr Dikoloti o buile jalo ka Sontaga, a lekodisa setshaba ka tse di dirwang ke lepahata la gagwe go baakanyetsa baeti jaaka puso e tsere tshwetso ya go bulela metsamao ya botlhe go tswa le go tsena mo Botswana, go simolola kgwedi eno e roba bongwe.

Tona o ne a re ke boammaaruri jo bo sa jelweng pheko gore mafelo a ngwaga ke nako e e tsisang boitumelo jo bo feteletseng, bontsi ba tsayang malatsi a boitapoloso go etela ba masika kwa magaeng le go ja nala.

“Re a itse gore fa mafelo a ngwaga a atumela, re tsenwa ke mowa wa monate wa boitumelo jo bo kwa godimo. Le fa go ntse jalo, o ke ngwaga o sele, a re itimeng monate, a re direng bojotlhe go sala morago ditsetlana tse di beilweng ke lephata la botsogo le boitekanelo go thibela kanamo ya corona.”

“Ga re a tshwanela go kotelwa ke ope gore re fokotse metsamao e e seng ya botlhokwa,” a tlhalosa.

Tona Dikoloti a re ba Lephata La Botsogo le Boitekanelo ba lemogile gore mafelo a beke le one a tsisa mathata, ka gore batho ba ijesa monate, mme bangwe ba felele ba kokoana ka mokgwa o o sa letlelelweng le boitshwaro jwa bone bo fapoge ka gore bangwe ba bone ba gataka maikaelelo a a dirwang go emisa kanamo ya corona.

A re le fa go le thata, e bile bangwe ba simolotse go fela pelo, ka gore ba tshelela mo seemong se ba sa se tlwaelang, ga se maikaelelo a ga ope go ba bogisa.

“Se se botlhokwa ke gore tsotlhe tse di dirwa jaana go lwantsha segajaja se se re wetseng.

Le seka la iphelela pelo, go sala melawana e e beilweng morago go botlhokwa.

A re gogeng mmogo, gore re kgone go tsosolosa itsholelo, go boloka matshelo le go somarela ditlamelo tsa botsogo,” ga tlhalosa Dr Dikoloti.

A re le fa ba lephata la gagwe le lekoko le le romilweng ke Tautona go lwantsha COVID-19 ba lomile ka meno, go a tshwenya go bona bangwe ba itlhokomolosa melawana e.

O ne a gatelela gore ke boammaaruri gore mogare wa corona o anamisiwa ke motsamao wa batho le go dira dingwe tse di ilediwang go laola mogare.

“Go na le mokgwa wa go bipolola molomo fa ba batla go bua, mme kana go dira jalo ke gone jaaka ba bulela mogare go anama,” ga tlhalosa Dr Dikoloti.

O ne a supa gore motsamao wa batho go tswa le go tsena mo lefatsheng o tlaa simolodisiwa kwa mapalamelong a difofane a Sir Seretse Khama, Maun le Kasane mme e re Sedimonthole a rogwa go bulelwe metsamao e e tswang kana e tsena ka lebala la difofane la Phillip Matante kwa Francistown.

Dr Dikoloti a re go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 go amile itsholelo ya lefatshe ka bophara.

O ne a tlatsa ka go re, kiletso mesepele le melawana a mengwe e e beilweng go laola kanamo ya bolwetse di amile thata mehama e e leng pinagare ya itsholelo jaaka thekiso ya diteemane le bojanala.

O ne a tlhalosa gore go a tshwenya go bona dipalo tsa ba ba tsenwang ke mogare wa corona di tsweletse ka go oketsega lefatshe ka bophara.

Le fa go ntse jalo, Dr Dikoloti a re ke nako ya gore batho ba ithute go tshela le bolwetse jo, ka jalo puso e bona go le botlhokwa go tswelela e tswa ka maano a go tsosolosa itsholelo.

Tona Dr Dikoloti a re le fa go le botlhokwa go tswa pele ka maano a go boloka botshelo, sengwe gape se se botlhokwa ke go tswa ka maano a a ka thusang gore itsholelo e seka ya phutlhama.

A re go bulela mesepele ya botlhe ke lengwe la maano a a dirisiwang go rudisa itsholelo e  e koafaditsweng ke go tlhagoga ga COVID-19.

Dr Dikoloti a re lephata la Botsogo le Boitekanelo le malala  a laotswe go tsibogela seemo sepe se se tlaa nnang teng jaaka batho ba simolola go kgabaganya melelwane.

A re go boammaaruri gore lephata la gagwe le tlhaelelwa ke ditlamelo tsa botsogo le gore go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID- 19 go gakaditse seemo se.

A re o dumela gore ka thuso ya setshaba, ka go obamela melawana e e beilweng le makalana a mangwe seemo se ka laolesega.

O tlhalositse gore baeti ba ba etelang mono, ba tshwanetse ba ntsha sesupo sa gore ba tlhatlhobilwe e bile ga ba na mogare wa corona fa ba goroga.

Tona a re maduo a tshwanetse a bo a na le malatsi a sa feteng boraro a ntshitswe.  

Dr Dikoloti a re dipalo tse di ntshiwang ke lekoko le le romilweng ke Tautona go lwantsha bolwetse jwa COVID-19 di supa gore batho ba ba tshwarwang ka mogare kwa melelwaneng, e le ba ditirelo tsa botlhokwa di fokotsegile.

A re seemo seo, se supa kgatelopele mo go lwantsheng kanamo ya mogare go tswa kwa mafatsheng a mangwe.

Mokwaledi wa lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Kabelo Ebineng ene a re o dumela fa go le botlhokwa go ruta setshaba ka methale ya go tokafatsa botsogo jwa bone, ka jalo a re ke sone se se dirilweng e bile se tsweletse se dirwa go lwantsha segajaja sa COVID-19.

“Ke dumela le fa ke ka seke ke re re kgonne, gone mme, re tsweletse, re gatetse pele ka go ruta setshaba,” ga tlhalosa Rre Ebineng.

Rre Ebineng a re mo nakong eno, madi a a dirisitsweng mo ditlamelong tsa botsogo tse di itebagantse le go lwantsha bolwetse jwa COVID-19 a feta P371 million.

“A tlaa tswelela a gola, ka gore go bula melelwane go ya go oketsa tiro,  ka jalo go tlhokana le gore ditlamelo di okediwe,” a tlhalosa.

Rre Ebineng a re ba lephata la Botsogo le Boitekanelo ba itse ka seabe le botlhokwa jwa batsadi le ba masika mo tlhokomelong ya balwetse ba ba robaditsweng mo dikokelong.

“Re itse botlhokwa jwa batsadi, jwa go tlhola le go thusa balwetse, ka e bile re tlhaelelwa ke ditlamelo.

Re dirile jaana re itsa batho go tlhola balwetse go fokotsa borai jwa gore balwetse ba tsenwe ke mogare wa corona.

Maikaelelo ke go ba sireletsa,” ga tlhalosa Rre Ebineng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : Tekodiso setshaba

Date : 10 Nov 2020