Ba abela sekole ditlamelo
10 Nov 2020
Bomme ba ngwao kwa Pitsane ba abetse bana ba basetsana mesangwana e e ka tshwarang lekgolo kwa sekoleng se sebotlana sa Dinatshana.
Mogolwane wa Bomme ba ngwao, Mme Dipuo Motshegare o tlhalositse bosheng fa ba ne ba aba dimpho tse gore ba bone go tshwanela go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng.
O tlhalositse fa mokgatlho wa bone, o e leng wa bomme fela, o ikaeletse go dira pharologanyo mo setshabeng. O o tlhamilwe ka 2012, maitlamo e le go thusa setshaba le batlhoki mo motseng.
O kaile fa bomme ba, ba ithaopa fela, ka go dira dikoleke kgwedi le kgwedi gore ba kgone go thusa fa go tlhokafalang teng mo motseng.
Mme Motshegare o tlhalositse fa mo mokgatlhong wa bone, ba dumela gore ngwana mongwe le mongwe ke wa bone, ka jalo go botlhokwa gore ba thuse fa ba kgonang teng.
O boletse fa mokgatlho wa bone o tiisiwa ke lorato le go emana nokeng, e bile ba dumela mo go itshwarelaneng le go bua fa go na le sengwe se se sa ba itumediseng.
Mme Motshegare o supile gore ba ka itumela fa ba ka bona thotloetso mo setshabeng le makalana a mangwe go godisa mokgatlho o.
Kgosi Tiego Leshomo wa Pitsane o galaleditse bomme ba mokgatlho oo go bo ba dirile tiro e ntle ya go abela bana ba sekole mesangwana.
O tlhalositse fa a na le tshepo mo mokgatlhong, gape o ne a ba akgolela bopelotelele jwa bone mo go tsotlhe tse ba di dirang.
O supile fa mokgatlho o thusa ka nako tsotlhe mo motseng, mme a kaya fa o aga setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : DINATSHANA
Event : Kabo dimpho
Date : 10 Nov 2020