Ba akgolelwa mowa wa boipelego
09 Nov 2020
Bodiredi jwa kgotla ya Tsamaya kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba bo tshwaragane le boeteledipele jwa motse mmogo le badirelapuso ba ne ba ntshafatsa diofisi tsa kgotla ya motse oo kgwedi eno e tlhola ga tlhano.
Morago ga go lemoga seemo se se neng se sa itumedise sa diofisi tseo, mokwaledi kwa kgotleng eo ya Tsamaya, Mme Esther Peo a ne a ikopanya le badiri ka ene ba thulanya ditlhogo gore ba dire sengwe go leka go ntshafatsa dikago tsa kgotla.
Mme mogopolo oo, wa wela mo bathung ba ba tsebe ntlha go utlwa, ka ba ne ba seka ba gadima kwa morago, mme ba itlama ka gotlhe go tlhomamisa gore tiro eo e a diragala.
Mme Peo a re morago ga go lemoga ka fa diofisi tseo di neng di setse di onetse ka teng, go ne ga mo gwetlha go dira sengwe, ka jalo o itumedisitswe ke ka fa badiri ka ene, magosi a motse le komiti ya badirelapuso ba Tsamaya, ba neng ba atla mogopolo oo ka teng.
A re ba ne ba simolodisa mosepele wa bone ka go latlhela bonnyennyane mongwe le mongwe wa bone le gone go kopa dithuso mo banning ba motse le mo dikgwebong ka go farologana.
Mme Peo a re ba kgonne go diragatsa tiro eo ka ba ne ba eteleditse kwa pele mowa wa boineelo, e bile ba ikaegile ka letshego la lephata la bone e e leng ‘Batho pele’.
O ne a tlhalosa fa dikgotla e le tsone pinagare ya motse, kwa setshaba se phuthaganelang teng, ka jalo di tshwanelwa ke go nna mo seemong se se kgatlhang.
Mme Peo a re badirelapuso ba ba direlang kwa metseng ka go farologana, ba kopana koo le bone ba tswa kwa mafelong a a farologaneng, mme go botlhokwa gore ba kgaratlhele go tlhabolola metse e ba direlang kwa go yone.
Mo mafokong a gagwe, mokwaledi mogolo wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape o ne a akgolela bodiredi joo mowa wa boipelego.
A re mowa oo, Batswana ba tswa kgakala ba ikaegile ka one, ka jalo o tshwanetse wa tsosolosiwa le go tsweledisiwa go ya go ileng, go na le gore batho ba ikaege mo pusong mo sengweng le sengwe.
Rre Sakwape o supile fa go itumedisa go bona ba Tsamaya ba leka go ikanya mowa wa boipelego, a re ba supile gape fa ba eletsa go thusa puso, bogolo jang mo nakong eno, e lefatshe le lebaganeng le go lwantsha bolwetse jwa COVID-19.
Mo godimo ga moo, Rre Sakwape o ne a bo a rolela Mme Peo hutshe ka go tswa ka mogopolo oo, a re motlhala wa gagwe o tlaa sala o bonala mo Tsamaya jaaka a tlaa bo a hudusiwa go ya go direla go sele ka Hirikgong ngwaga o o tlang.
Ka jalo o ne a mo kgothatsa go tswelela ka mowa oo, le kwa mafelong a tiro e tlaa mo gorosang kwa go one.
Kgosi Zenzo Letsholathebe wa Tsamaya le mokhanselara, Rre Isaac Pelaelo le bone ba ne ba phophotha Mme Peo legetla ka maitlamo a gagwe a go leka go tsholetsa motse wa Tsamaya.
Go ntshafatsa moo, go ne go akaretsa go penta dikago, go baakanya le go emisetsa didirisiwa dingwe tse di neng di se mo tirisong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : TSAMAYA
Event : ntshafatso dikago tsa kgotla
Date : 09 Nov 2020