Breaking News

Pitsaneng o dumalana ka leina la kgosana

08 Nov 2020

Banni ba kgotla ya Pitsaneng kwa Kanye ba file morongwa wa kgosi leina la ga Rre Patrick Sebati yo ba eletsang gore e nne kgosana ya bone.

Se se boletswe ke kgosana wa Taukobong bosheng, Rre Kgotlaitsile Sane, yo o neng a romilwe ke Kgosikgolo Kgosi Malope II go ya go tsaya megopolo mo banning ba Pitsaneng mabapi le bogosi jwa bone.

Kgosi Sane a re ba ile kwa kgotleng ya Pitsaneng go ya go utlwa gore tota banni ba teng ba reng, mme ba ntsha leina la ga Rre Sebati go isiwa kwa Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go le seka seka.

A re go le gantsi ga e ke e re a isitse leina la kgosana kwa go tona le bo le ka ganwa a re ka jalo e tlaa re phetolo e sena go bowa ba bitse morafe go tla go ba rolela kgosana ya bone.

Rangwanaagwe Rre Sebati, Rre Tshungwane Tshugwane, a re kgang ya bogosi jwa Pitsaneng e gogile ka lebaka le le telele mme jaanong e wetse, a re ke sone se kgosikgolo a ba romileng.

Rre Tshugwane a re go botlhokwa go diragatsa se se dumalanweng ke banni ba Pitsaneng.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Keimetswe Mpadisang, o ne a gatelela tumalano ya morafe,

Mme Mpadisang, yo o supileng fa Rre Sebati e le ngwana wa ga mogolowe, a re o mo amogela ka diatla tsoo-pedi e bile ba letsa mogolokwane go bona ba beelwa kgosana ka jaana ba ntse ba sokola.

Rre Shadrick Dikageng yo le ene a neng a amogela peo ya kgosana.

Mme Thuto Kosie o ne a leboga thata go bona ba na le kgosana a re ba tsile go bereka le ene go le monate le go le botlhoko, a re ga ba na go taboga le malwapa ba senka yo o ka ba letlanyang.

Rre Seoheteng Gontse yo a neng a dumalana ka botlalo le peo ya ga Rre Sebati,  o ne a re o ntse a hela pelo gore tota letsatsi le tla a goroga leng.   

Kgosi Kitso Kelosiwang o boletse fa Pitsaneng a beilwe ke Kgosi Makaba II pele ga go nna le Kanye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Nov 2020