Breaking News

A go batlwe modi wa kgokgontsho - Kgosi Thipe

08 Nov 2020

Kgosi Mark Thipe wa kgotla ya Ikageleng kwa Selebi Phikwe a re ke nako e tsile gore go tlhotlhomisiwe gore ke eng dikgang tsa  kgokgontsho di tsweletse ka go gola.

Kgosi Thipe o ne a bua se kwa letsholong le le eteletsweng pele ke Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, go lwantsha kgokgontsho ya bong kwa Selebi Phikwe ka Labotlhano.

O supile fa dikgang tsa kgokgontsho di tshwanetse go tshwaraganelwa ke ba-na le- seabe botlhe.

Kgosi Thipe a re o dumela gore ditiro dingwe tse di diragalang kwa malwapeng ke tsone tse di rotloetsang kgokgontsho, a supa fa batsadi bangwe ba letlelela dilo tse di sa siamang ba lebile letlhoko la bone.

A re bogologolo malwapa a ne a tlotlwa, ka o ne o ka seka wa bona ngwana wa mosimane a nna le ngwana wa mosetsana mo ntlong a sa mo nyala.

Kgosi Thipe a re a re lelwapa le le tiileng le godisa bana ba ba nang le boikarabelo.

O ne a leboga Mohumagadi wa ga Tautona go bo a eme ka dinao go lwantsha  kgokgontsho  mme a rotloetsa Batswana go tsena mmogo mo letsholong le.

O ne a kopa Mohumagadi wa ga Tautona gore e re mo tsamaong ya nako a boele gape kwa Selebi Phikwe go kopana le bomme go tsweledisa dikgang tse.

Kgosi Thipe o ne a supa fa kgokgontsho e diga itsholelo ya lefatshe ka go dirisiwa madi a mantsi go e lwantsha.


E ntse e le go ne kwa pitsong eo, yo o amilweng ke kgokgontsho, Mme Batwaetse Rantsape, o supile fa batho ba le bantsi ba santse ba tshelela mo kgokgontshong ka lebaka la botlhoki.

Mme Rantsape o tlhalositse fa le ene a ne a tshelela mo kgokgontshong e go neng go le thata go tswa mo go yone.

O kgothaditse bomme go ikemela ka dinao go batla maano a go itshetsa go na le go ikaega ka borre ka ditla morago tsa teng di le botlhoko.

Modulasetilo wa lekgotla la bana la National Children’s Consultative Forum (NCCF), Mme Annalisa Cruickshank, o ne a supa fa go le botlhokwa gore dikgang tsa bana di tsewe ka tlhwaafalo ka e le bone ba kokonelwang ke di tla morago tsa teng.

Le fa gontse jalo o supile fa go itumedisa go bona mapodisi le ba bosekisi ba tshwere dikgang tse ka tlhwaafalo  go sireletsa bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Nov 2020