Breaking News

BIUST e agela Palapye leobo

08 Nov 2020

Unibesithi ya Botswana International University of Science and Technology (BIUST) e agetse kgotla ya Palapye leobo le le lopileng P136 008.65.

Fa a rola leobo leo bosheng, mogokgo wa BIUST, Professor Otlogetswe Totolo o boletse fa ba ne ba kopanela tiro eo le bogogi jwa motse go supa tshwaragano le lerato.

A re ba lesego go bo ba neetswe lefatshe la  diekere tse 2 500 ka ba na le tshepo ya gore bana ba bone ba tlaa roba sengwe se se ka tokafatsang le go tlhabolola thuto.

“Mowa wa lerato, tirisano mmogo le pelotlhomegi ke tsone tse di nang le seabe mo katlegong ya kago e,” ga bua Prof. Totolo.

O tlhalositse fa leobo leo le simolotse go agiwa kgwedi ya Mopitlo mme kago ya fela kgwedi ya Motsheganong.

Le fa go ntse jalo, Professor Totolo boletse fa ka nako ya kiletso mesepele, sekole sa BIUST se ne sa abela khansele potlana ya Palapye melora ya metsi e le 4 500 le e e tlhapang e le 2 000 le dibolaya megare le gone go tshela dibolaya megare kwa maemelong a dibese, se e le go thusa puso go lwantsha segajaja sa COVID-19.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Onneetse Ramogapi, o ne a akgolela BIUST leobo mme a rotloetsa gore le tlhokomelwe.

Rre Ramogapi o ne agape a lebogela BIUST go thusa banni le bogogi jwa motse ka ditlamelo mo nakong e e thata ya COVID-19.

Fa a akgela ka lefatshe le BIUST e le neetsweng, mopalamente o ne a ba rotloetsa go le tlhokomela a supa fa ba le filwe ka tumelo ya gore unibesithi e tlaa fetola thuto ya Batswana.

Mo go tse dingwe, Rre Ramogapi o ne a kopa bogogi jwa sekolo sa BIUST le morafe go tshwaragana mo maikaelelong a go fetola motse.

Kgosi Martha Lebang ene o ne a lebogela BIUST go aga leobo le a reng ke pinagare ya kgotla.

“Re itumelela go amogela sekole sa BIUST mo motseng wa rona ka ba supile fa ba kgathala ka matshelo a Batswana mme ba sa remelela fela mo thutong le gone go supa mowa wa tshwaragano le lerato ka go aga leobo la kgotla,” ga bua Kgosi Lebang.

O tlhalositse fa leobo leo e se la banni ba Palapye fela mme e le la Batswana ka bophara ka le tlaa dirisiwa go fetola matshelo a bone le gone go rarabolola mathata a bone.  

O ne a kaya fa a lemogile fa Palapye a tsweletse ka go gola ebile a na le ditlhabololo tse dintsi.

Ka jalo o ne a rotloetsa banni go tswelela ka go tshwaragana ka lerato le boineelo.

“Re itumelelela sekole sa  BIUST go bo se le mo motseng wa Palapye ka ga ba itshupe fela mo go tsa thuto mme ba kgathala ka go tsaya karolo mo ditlhabologong tsa motse,” ga bua Kgosi Lebang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : PALAPYE

Event : Kabo ya dimpho

Date : 08 Nov 2020