Breaking News

Kgosi o kopa gore go fetolwe moalo wa matlo a SHHA

08 Nov 2020

Kgosi Maruje III wa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o kopile gore moalo wa matlo a a agiwang ka lenanelo la SHHA o fetolwe.

O ne a rolela Tona wa Dikago le Tlhabololo Matlo, Rre Mmusi Kgafela mogopolo oo fa a ne a ile go ipega le go dumedisa kgosi le boeteledipele jwa Masunga kgwedi eno e tlhola ga tlhano.

Kgosi Maruje a re moalo wa matlo ao, o tlhoka go fetolwa gore o tsamaelane le ditlhabololo tsa segompieno.

Kgosi Maruje o ne a kopa gape gore matlo a Botswana Housing Corporation (BHC) a a akantsweng go agiwa kwa Masunga, e nne one a a agiwang kwa lefelong le lephata la kabo ditsha la Tati le le tlhomileng go nna la dikgwebo le madirelo.

A re banni ba Masunga ba ne ba eletsa matlo ao a BHC a ka agiwa go iphaphatha le tsela ya Masunga/Vukwi.

Fa a tswa la gagwe, Tona Kgafela, o ne a bolela fa a ne a ipega mo boeteledipeleng jwa kgaolo go na le go tla fela a tlhodumela ditiro tsa lephata la gagwe.

A re o eletsa go bona lephata la gagwe le na le tirisanyo mmogo e e nitameng le bogogi jwa metse.     

O ne a supa fa a dumalana le Kgosi Maruje gore go tshwanetse go dirwa moalo o mosha wa matlo a turnkey, o o ka kgatlhang leitlho la baikopedi ba lenaneo leo, bogolo jang go lebeletswe banana, ba a boletseng fa ba eletsa go ipona ba tsamaelana le ditlhabololo tsa segompieno.

Fa a araba mabapi le go agiwa ga matlo a BHC, Tona Kgafela o ne a tlhalosa fa go le gantsi lekalana la BHC fa le agang teng le sekaseka gore a go na le ditlamelo jaaka metsi, ditsela le tse dingwe tse di tlhokegang mo tlhabololong ya setsha.

Le fa go ntse jalo, Rre Kgafela o ne tshepisa fa a tla ikopanya le ba ba lebaneng, go rerisanya le bone go tlhomamisa gore megopolo ya ga Kgosi e a arabiwa.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi a re go bo Tona Kgafela a  sukunyeditse mo lenaneong la gagwe, thulaganyo ya go ipega kwa magosing, go supa fa e le ruri a tlotla morero le therisanyo, tse a boleletseng lefatshe leno le thailwe  ka tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Nov 2020