Breaking News

Rotloetsang dikgwebo tsa Batswana - mokhanselara

08 Nov 2020

Mokhanselera wa Boseja/Flowertown kwa Mahalapye, Rre Tumelo Koolekanye, o kgothaditse setshaba go ema nokeng dikgwebo tsa Batswana.

Mokhanselara o buile se kwa pulo semmusong ya marekisetso a Saverite kwa kgotleng ya Flowertown bosheng.

Rre Koolekanye o kopile banni ba Boseja, Flowertown le Kanamo go reka mo lebenkeleng leo, a supa fa ba tlaa bo ba rotloetsa kgwebo ya ngwana wa mo gae.

Mokhanselara a re Batswana ba reke thata mo Batswaneng gore ba thusane go tswa mo lehumeng le go tlhamela banana ditiro.

A re go nna teng ga lebenkele leo go thusitse banni ba dikgotlana tseo ka jaana ba ka se reke kgakala jaaka pele, e bile ba babalesegile mo dirukutlhing tse di ka ba amogang dithoto kwa toropong.

Mokhanselara a re banni ba metse ya Taupye le Shakwe le bone ba tlaa reka mo lebenkeleng leo, go fokotsa mosuke kwa toropong le ditlhwatlhwa tsa dipalamo.

A re lefelo le go butsweng lebenkele fa go lone, e ne e le boremelelo jwa dirukutlhi ka ba ne ba iphitlha mo sekgweng se se neng se le foo.

Mong wa marekisetso, Mme Betty Phuthego, a re o kopanetse kgwebo eo le Rre Benny Thomas. Mme Phuthego a re o simolotse ka go rekisa ditlhako tse a neng a di reka kwa ntle ga lefatshe.

A re o bone gore kgwebo ya go rekisa dijo ga e amege thata, ka jaana le fa go ka nna jang, dijo tsone di tshwanetse tsa nna teng, a fa sekai ka nako ya kiletso mesepele, gore dikgwebo di le dintsi di ne tsa amega, mme mabenkele a dijo one a ne a ntse a tsweletse.

Rre Benny Thomas o supile fa Saverite e se lebenkele la batswakwa. A re Batswana ba fiwa sebaka sa go etelela mabenkele a, ka jalo a kgothatsa setshaba go sa ipone tsapa go tsena mo kgwebong ya mohuta o.

A re Mme Phuthego ke sekao, ka jaana o ne a seka a ipona tsapa go fitlhela a goroga fa a leng teng.

Kgosi Letsogile Toteng wa Boseja, o ne a lebogela lebenkele la SaveRite, go thusa thata bagolo gore ba seka ba tsamaela kgakala.

A re o lebogela ditlhabololo tse di diragalang mo dikgotlaneng tsa bone, a re ga ba sa tlhole ba latela ditlamelo kgakala.

Kgosi Toteng a re borukutlhi bo bontsi ka jalo a kopa beng ba mabenkele go tlhapa badisa dikago, a supa fa dikgosi di tlaa tswelela ka go lwantsha borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : pulo semmuso

Date : 08 Nov 2020