Breaking News

Tautona Masisi o fetlha khumo

08 Nov 2020

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse ka go jwala peo ya khumo mo Batswaneng.

O ne a abela morui wa kgaolo ya Bobirwa, Mme Mathogonolo Kolobe phoko kwa morakeng wa Bozolome ka Matlhatso.

Tautona Masisi a re o dira jaana ka maikaelelo a go fetlha khumo e e tlaa akolwang ke lelwapa la ga Mme Kolobe le banni ba kgaolo ya Bobirwa.

O rotloeditse Mme Kolobe gore a seka a ikgagapelela khumo e mme a e amogane le Batswana ka ene gore le bone ba kgone go tlhabolola leruo la bone.

Dr Masisi, yo ebileng ele Mmampudi wa Tebelopele ya Setshaba ya 2036, o ne a kopa setshaba go mo ema nokeng ka go dira mmogo.

Tona wa Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Karabo Gare, ene a re lephata la gagwe le mo lenaneong la go rutuntsha barui ka tlhokomelo ya dihutshane.

A re se se tsile go nonotsha mohama wa thuo ya dihutshane le go ntsha nama ya boleng jo bo kwa godimo.

A re lefatshe leno le tloga le fetsa dipuisano le mebaraka gore Batswana ba similole go rekisa nama ya dihutshane kwa mafatsheng ao, a tlatsa ka gore mafatshe aa rekang nama ya dihutshane a reka ka sekale se se kwa godimo thata go feta sa nama ya kgomo.

Rre Gare o ne a abela Mme Kolobe melemo ya dipodi le didirisiwa tsa tlhokomelo leruo.

Makhanselara a kgaolo ya Bobirwa le one a abela Mme Kolobe dijo tsa dipodi ele seabe sa bone go thusa Tautona Dr Masisi go godisa mohama wa dihutshane.

Fa a tswa la gagwe, Mme Kolobe o lebogetse mpho, a re o ithutile go le gontsi mme le ene o ya go dira go feta ka fa a ntseng a dira ka teng.

Mme Kolobe o rekisetsa lenaneo la LIMID, morafe le beng ba madirelo aa rekisang nama.

O setse a kgonne go reka kgomo di le supa ka madi a dipodi ebile o kgonne go itsenyetsa motlakase le metsi kwa lwapeng la gagwe.

Kgosi Joel Masilo le ene o ne a kopa puso go thusa go sireletsa leruo la Babirwa, a tlhalosa fa kgaolo eo e tshwenngwa thata ke magodu a leruo go tswa kwa Zimbabwe.

A re morafe o dirile mephato ee disang leruo la Babirwa .

O roletse puso hutshe ka go diragatsa tebelopele ya 2036, a re nako ya go dira e gorogile.

O tlhalositse fa kiletso mesepele e ba rutile gore motho o tshwanetse go godisa bonnye jo a nang le jone ka jalo Babirwa ba eme ka dinao go dira dikoporase.

A re dikoporase di botlhokwa fela thata mo go fetlheng khumo le go tshedisa malwapa a maloko a dikoporase mme a rotloetsa mowa wa tshwaragano le wa go itirela mo morafeng wa gagwe.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : BOBONONG

Event : Kabo dimpho

Date : 08 Nov 2020