Sekole sa Botshabelo se akgolelwa bonatla
05 Nov 2020
Mogolwane wa lephata la thuto kwa Selebi Phikwe, Rre Elisha Masedi, o akgoletse sekole se se potlana sa Botshabelo go tlotlomatsa toropo eo.
O buile se bosheng morago ga gore sekole seo se gape maemo a boraro kwa kgaisanong ya maranyane.
Baithuti ba le barataro ba lekwalo la borataro ba ne ba tsena kgaisano ya maranyane ya Science Technology Engineering and Mathematics (STEM) e rulagantswe ke unibesithi ya BIUST mme ba gapa maemo a boraro mo dikolong di le lesome le bongwe.
Kgaisano e ne e tlama bana go tswa ka ditsela le setshwantsho se se ka gasang molaetsa wa go lwantsha mogare wa COVID- 19 go dirisiwa maranyane.
Rre Masedi a re se se a nametsa bogolo jang ka puso e na le maitlamo a a tsepameng a go kabakanya itsholelo ka dikitso.
A re go botlhokwa go ruta bana maranyane ba santse ba le kwa dikoleng tse dipotlana ka dipatisiso di setse di supile fa a na le bokgoni jwa go tsosolosa itsholelo ya mafatshe.
Rre Masedi a re sekole sa Botshabelo se itshupile fa se na le bokgoni jwa go phadisana le dikole tse dingwe go sa kgathalesege gore se mo lefelong le le ntseng jang.
Mogokgo wa Botshabelo, Mme Kebalebile Ditsele, o itumeletse bokgabane jo bo dirilweng ke sekole sa gagwe.
O supile fa ba ne ba utlwa ka kgaisano mo nakong e khutshwane mme le fa go ntse jalo ba ne ba seka ba itlhobogela kgakala mme ba e tsena.
A re tshwaragano le tirisano mmogo ya barutabana le batsadi e ne ya ba thusa go tlotlomatsa sekole seo.
Rre Samuel Molatlhegi, yoo e leng mongwe wa barutabana ba ba neng ba tshwaraganetse tiro le bana, o ne a supa fa go ne go se motlhofo ka ba ne ba sena ditsompelo tse di lekaneng.
Mongwe wa baithuti ba ba neng ba tsene kgaisano, Refilwe Mosane, o supile fa ba ne ba eleditse go tsaya maemo a ntlha ka ba ne ba na le tumelo ya gore ba ka kgona..
Mosetsanyana Mosaneyo, ene a re ka thotloetso ya barutabana ba ne ba kgona go dira di kapetlana tse di gasang molaetsa ka mogare wa COVID- 19 le motshine o o tsayang mogote. Mo kgaisanong eo bana ba ne ba ikgapela dimpho tse di akaretsang mesokela tsebeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Bokopano jwa STEM
Date : 05 Nov 2020