Puso e lwantsha tlhako le molomo
05 Nov 2020
Mothusa mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo, Dr Letlhogile Oarabile, a re ba weditse letsholo la ntlha la go kenta leruo go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo kwa kgaolong potlana ya Okavango.
O boletse fa letsholo la bobedi le simolotse mme a kopa barui go isa dikgomo tsotlhe ka jaana bolwetse joo bo dira matshosetsi.
Dr Oarabile o buile jalo mo phuthegong ya barui le bogogi jwa dikgaolwana tsa Shakawe le Nxamasera bosheng.
A re go rurifaditswe gape tlhako le molomo kwa Xakao.
A re se sengomolang pelo ke gore mofuta wa bolwetse jo bo tshwerweng kwa Xakao o tshwana le wa Nxamasera mme mo dipatlisisong tsa bone, metse e e fa gare ga e na bolwetse.
A re ba ipotsa gore bolwetse bo tsamaile jang ka jaana kwa bo tshwerweng teng kwa Nxamasere go kgakala thata le Xakao.
Dr Oarabile o boletse gore mofuta wa bolwetse o o tshwereng kwa Namibia ga o tshwane le wa Botswana.
O ikuetse mo banning go obamela kiletso mesepele ya leruo e lephata le e ntshitseng go fitlhela seemo se ritibala.
Barui ba ne gape ba rotloediwa go rwesa leruo la bone manyena ka seo se ka thusa mo thekong ya leruo le gone go laola metsamao ya lone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng leo, Mme Veleminah Pelokgale o ne a kopa balemi-barui go ipaakanyetsa go lwantsha tlhagago ya diji a supa fa ba setse ba bonye diboko le thaga tse a reng di borai mo dijalong le mo phulong
A re e re ka jaana paka ya temo e gorogile e bile ba solofetse pula ee namagadi, go botlhokwa gore balemi ba ithulaganye pele ga ba ka simolola temo.
Fa a itebaganya le tsie e e apesitseng banni kobo ka letshoba, Mme Pelokgale o boletse fa e remeletse thata kwa dikgaolong tsa Nhabe, Chobe le Boteti.
A re ba lemogile fa tsie e tlhorontsha balemi ngwaga le ngwaga mme e satle e le segopa a tlatsa ka gore gompieno ba lemogile fa e ntsifetse bogolo jang kwa Chobe i.
E re puso e tsweletse ka go dira maiteko a go e lwantsha.
Mme Pelokgale o boletse fa go se bonolo ka jaana tsie eo e le lebelo e bile e lwantshiwa fela fa e robetse.
A re tsie e aname ka jaana e bonala kwa Beetsha, Mababe, Seronga, Tubu, Tsodilole Eretsha le mafelo a mangwe kwa Nhabe.
O ikuetse mo banning go tshwaraga le puso go lwantsha tsie eo a re ba tsibogele go itsise bogogi jwa metse kana balemisi fa ba e bona mo tikologong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Shakawe
Event : Phuthego
Date : 05 Nov 2020