Phuduhudu o kopa go agelwa masimo a ditlhopha
04 Nov 2020
Banni ba Phuduhudu ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone wa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile, go direlwa masimo a a terateletsweng ka ditlhopha go lwantsha tshenyo e e bakwang ke diphologolo tsa naga.
Ba buile seo mo phuthegong ya mopalamente le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ka Labobedi.
Modulasetilo wa komiti, Mme Boemo Lehuma, o ne a tlhalosa fa banni ba Phuduhudu ba sa kgone go lema ka ntlha ya diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou.
Mme Lehuma a re ba na le tumelo ya gore go teratelelwa ga masimo ka ditlhopha go ka ba thusa gore ba akole thobo.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Onkamile Tlhogo, a re go na le tlhaelo ya matlo a barutabana kwa sekolong se se potlana sa Mogolokwane.
Rre Tlhogo o ne a supa fa barutabana ka bontsi ba tlhakanela matlo a boroko ka ntlha ya tlhaelo.
O ne gape a re sekole seo se na le letlhoko la matlo a bana ba sekolo a boiteketso a a dirisang metsi.
Fa a ba kgwa kgaba, Rre Kekgonegile o ne a tlhalosa fa mogopolo wa go dira masimo a ditlhopha o le montle, ka jalo a re o tlaa ba tshwaraganya le ba lenaneo le le thusang batho ba ba nang le kgotlhang le ditlou.
Fa a bua ka tse dingwe, mopalamente o ne a bolela fa go tshwenya go bo dikgang tsa kgokgontsho ya bong le bana di ile magoletsa kwa kgaolong ya Bokone Bophirima.
A re go tlhalosiwa fa dikgang dingwe tsa kgokgontsho di sa begiwe.
Rre Kekgonegile o ne a kopa banni go itshekatsheka le go tseya ditshwetso tse di sireletsang bana.
Fa a tshwaela mo go ya sekolo, mokhanselara wa Chanoga-Phuduhudu, Rre Geoffrey Sekuni, o ne a tlhalosa fa matlo a boitiketso a bana ba sekole a a nang le metsi a le mo lenaneong la go agiwa, a supa fa go nnile le madiadia magareng ga khansele ya Bokone Bophirima le konteraka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Phuthego
Date : 04 Nov 2020