Kotsi e baka dintsho tsa batho ba le bane
04 Nov 2020
Mapodisi a Ghanzi a tlhotlhomisa kotsi ee gapileng matshelo a batho ba le bane.
Go bolelwa fa dikoloi tse pedi di ne tsa thulana mo tseleng ya Ghanzi/Maun ka Tshipi.
Mogolwane wa mapodisi a Ghanzi, Superitendent Modiro Lekone, a re kotsi eo e diragatse ka nako ya bofera bobedi bosigo, morago ga gore mokgweetsi wa koloi ya Toyota Wish ee neng e tswa ntlheng ya Maun a latlhegelwe ke taolo morago ga go thula tonki.
Koloi ya gagwe e ne ya thulana le e neng e fapaana le yone.
Supt Lekone o tlhalositse gore koloi ya Nissan Xtrail e ne e pegile batho ba le batlhano, mme mo go bone go tlhokafetse ba le bararo, e leng mosadi wa dingwaga tse di masome mane le bone le banna ba le babedi ba dingwaga tse di masome mane le masome matlhano.
Mongwe wa bapalami o ne a bona dikgobalo tse di masisi ka jalo o ne a ragosediwa kwa Gaborone go bona thuso ya bongaka, fa rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bone ene a santse a robaditswe kwa kokelong ya Ghanzi ka dikgobalo tse dipotlana.
Supt Lekone a re koloi ya Toyota Wish e ne e tsamaya ka rre wa dingwaga tse di masome mararo le boroba bobedi yo le ene a tlhokafetseng.
O tsweletse a tlhalosa gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Mo go tse dingwe mapodisi a tshwere kgang e mo go yone marekisetso mangwe a dijo kwa Ghanzi a jelweng ke molelo ka Matlhatso.
Supt Lekone a re molelo o ne wa timiwa ka thuso ya lephata la ditima molelo.
O supile fa go ise go itsiwe se se ka tswang se bakile molelo oo, ka jalo ba tsweletse ka ditlhotlhomiso.
O tsweletse ka go tlhalosa gore mo go tse di amang segajaja sa COVID-19, mapodisi a tsweletse ka go tshwara batho ba ba tsamayang ba sa rwala dibipa molomo le nko.
A re ba tshwere batho ba supa ka Labotlhano ba sa rwala dibipa molomo le nko.
Supt Lekone a re mogwebi mongwe wa marekisetso a dijo o bonywe molato morago gago palelwa ke go sala morago melawana ya teseletso ya kgwebo le go tlhoka go obamela ditsetlana tse di beilweng go laola kanamo ya segajaja sa COVID-19.
O tlhalositse gape gore ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba tsweletseng ka go nwela bojalwa mo mafelong a go ilediwang gore ba ka nwela kwa go one. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Potsolotso
Date : 04 Nov 2020