Breaking News

Balemi barui ba lela ka ditlhwatlhwa

04 Nov 2020

Barui ba Nxamasera ba kopile puso go tsosolosa kwarantine ya Kgomokgwana kwa kgaolong potlana ya Okavango.

Ba ikuetse jalo mo puthegong e e neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Tlhabololo Temo-thuo le Dijo, Mme Beauty Manake bosheng.

O ne a ile go lekola balemi-barui morago ga go welwa ke seru sa tsie le bolwetse jwa tlhako le molomo.

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Pompong Segopo, a re go tsosolosiwa ga kwarantine eo go ka ba fokoletsa mosepele wa go isa dikgomo kwa kwarantining ya Makalamabedi.

 A re leruo la bone ga le ba solegele molemo ka ba nna le ditshenyegelo tse di kwa godimo go thapa dipagamo go ya go rekisa kwa matlhabelong. 

A re kwarantini e, e ka ba direla dilo motlhofo ka jaana ba tlaabo ba  tlhamalaletsa dikgomo kwa matlhabelong.

Rre Segopo o ne a kopa puso go sekaseka ditlhwatlhwa tsa theko kwa matlhabelong a supa fa di le kwa tlase e bile di nyemisa barui moko.

O supile matshwenyego gape ka go tlhoka mmaraka wa dipudi a re e re le nstwa puso e dira maiteko go ba thusa ka lenaneo la LIMID, ga go na kwa ba rekisang teng. 

O boletse fa bangwe ba ba neng ba thusitswe ka LIMID ba setse ba iphotlhere ka jaana leruo la bone le sule lotlhe ka ntlha ya setlhatshana sa mogau.

Rre Segopo o ne a ikuela gape ka theko ya thobo kwa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) a re ba jewa ntsoma ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

O boletse fa banni ba kgaolo ya Okavango ba tshela ka temo-thuo e bile ba ntsha thobo e e kwa godimo thata ya lebelebele mme a kopa gore ditlhwatlhwa di okediwe.

A re seo se ka rotloetsa balemi go lema thata le gone go jesa lefatshe.

E re ka paka ya temo e simolotse, Rre Segopo o ne a itsise mothusa tona le lekoko la gagwe fa ba sa jesiwe diwelang ke thaga. 

O ne ga a kopa puso go thusa barui ba ba itireleng setlhopa ka didiba go nosa leruo la bone.

E ne e rile go le pele mothusa tona a kopana le balemi-barui le bogogi jwa Shakawe mme dilelo di bo di tshwana fela le fa bangwe ba balemi ba ne ba lela ka go jelwa ke ditlou kwa masimong.

Modualsetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Stephen Lucas o ne a lebogela puso go ba atumeletsa ditlamelo jaaka theko ya mangena a re barui jaanong ba rotloetsega go rwesa leruo la bone mangena.

Le fa go ntse jalo o ne a supa fa mohama wa nama o latlheletswe ka jaana ba kopana le dikgwetlho fa ba batla go rekisa. 

O boletse fa meraka ya barui bangwe e le sekgala sa 200km mme ba tlamega go latela lepodise le mokwaledi ka ditshenyegelo tsa bone fa ba batla go rekisa.

O kopile puso go thusa bodiredi ka dipagamo go nolofatsa thulaganyo ya thekiso. 

Rre Lucas o ne gape a ikuela ka tereta ya molelwane wa Botswana le Namibia a re e ole mme seo se ba ya leruo la bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke tlhako le molomo.

O ne a kopa puso gore ka jaana le bone e le ba tsaya karolo mo twantshong ya bolwetse ba ka thusiwa ka ditsompelo gore ba baakanye terata eo.

Fa a tsibogela dileo tseo, mothusa tona, Mme Manake o ne a ba solofetsa fa a tlaa sala morago dikgang tsa theko ya thobo kwa BAMB. 

A re puso e thusitse BAMB ka madi gore e reke thobo mme go maswabi go utlwa balemi ba lela ka thobo e e mo mantlong.

Mme Manake a re dikgang tse dingwe ba tlaa di sekaseka le ba ba maleba mme ba bone gore balemi-barui ba ka thusiwa jang.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Nxamasera

Event : Phuthego

Date : 04 Nov 2020