Bakgweetsi ba botsogo ba abela balwetse
03 Nov 2020
Bakgweetsi ba lephata la botsogo (DHMT) ba abetse balwetse ba kokelo ya Palapye melora ka Mosupologo.
Dimpho tseo di lopile P4 104.
Mothusa moeteledipele wa baoki, Mme Juliet Senabye, a re go ne go ntse go sena tshwaragano le tirisano mmogo fa gare ga baberiki mme jaanong ba lemoga fa tse e le tsone konokono mo tirong.
Mme Senabye a re batho ba tshwanetse go gwetlhega fa go na le letlhoko mo bathong ba ba tshelelang le bone.
“Bakgweetsi ba lephata la botsogo ba dirile tiro e ntle fela thata ka go supa lerato ka go neela kana go thusa ba ba tlhokang,” a tlatsa jalo.
Mookamedi wa khamphane ya Palapye Quarrie, Rre Abel Mbaakanyi, o ne a lebogela bakgweetsi go supa mowa wa lerato, tirisano mmogo le pelotlhomogi.
“Ga gona sepe se se supang lerato jaaka go neela ka go sego letsogo le le neelang go na le le le amogelang,” ga bua Rre Mbaakanyi.
O ne a tlhalosa fa modimo a le lerato mme ga gona ope yo o ka neelang a sena bo-modimo ka ke ene a neelang botlhale le nonofo.
A re go tlhokomela balwetse go ka somarela botsogo jwa bone le go ba neela tshepo ya go dumela gore ba tlaa fola.
“Go botlhokwa thata go neela le go kgaogana se o nang le sone le ba ba mabapi le wena go supa mowa wa lerato le kutlwano go fokotsa letlhoko la Batswnana,” ga bua Rre Mbaakanyi.
Mokgweetsi wa lephata la botsogo, Rre Diseko Poitshego, o ne a tlhalosa fa ba bone go le botlhokwa go thusa puso ka go neela balwetse melora.
“Ke leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go thuseng gore maitlamo a rona a go aba a atlege,” ga bua Rre Poitshego.
Moeteledipele wa tsa tsamaiso ya kokelo, Mme Lebotsang Nkanane, o ne a leboga bakgweetsi go supa lerato le go tlamela letlhoko la balwetse ba kokelo ya Palpaye.
“Se se supa fa le kgathala ka botsogo jwa bone ka le ba neetse melora gore ba nne ba le phepa ka nako tsotlhe ka bophepa bo thibela megare,” a tlhalosa.
Mothusa moeteledipele wa tsa tsamaiso, Mme Oarabile Janji, a re o leboga modimo ka go neela bakgweetsi botlhale le bokgoni jwa go neela balwetse ba ka go tlhoka lesego go senang ope yo o ba tlholang.
“Le tsile go bona masego le matlhogonolo ka tiro e tona e le e dirileng ka le bone go tshwanela go tlhokisa bana ba lona madi a setshabo le go nna setlhabelo ka go thusa balwetse ba,” ga bua Mme Janji. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Nov 2020