Breaking News

Khamphane e abela sekole sa Tsetseng

03 Nov 2020

Mogolwane wa lephata la thuto kwa Letlhakeng, Rre Gagoope Andreck, a re sekole se se potlana sa Tsetseng se dikile se dirile bontle thata le mororo se tlhaelelwa ke ditlamelo.

Rre Andreck o supile gape gore mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, dikole tse di dirang sentle di tswa kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo jaaka tsa Metsibotlhoko, Dutlwe, Tsetseng le Kaudwane.

 O buile jalo fa khamphane ya Botswana Housing Corporation (BHC) kwa Molepolole e ne e abela sekole sa Tsetseng motshine o o ntsifatsang dipampiri, khomputara, dibuka le dibipa molomo le nko tsa madi a a fetang P40 000.

Le fa go ntse jalo, Rre Andreck o supile gore Lephata la Thuto go Tswa kwa Moding le tshwenngwa ke go bona bana bangwe ba kgokgonthsiwa. 

A re se se makatsang le go feta, ke go bona barutabana bangwe ba amega mo dikgannyeng tsa mofuta o. 

Ka jalo o kopile boeteledipele jwa sekolo le barutabana go ema ka dinao go ntsha dikgoreletsi gore bana ba kgone go ithuta ba phuthologile. 

Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe,  a re mpho e tswang kwa BHC e tsile ka nako e e siameng. 

Rre Leuwe o kopile BHC go itlhophela go tlhokomela sekolo sa Tsetseng. 

O o akgoletse barutabana go dira tiro e ntle ya go ruta bana tse di tla tsogang di ba tshetsa. 

Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke barutabana ba ba iphetotseng baba a bo a supa matshwenyego a gore jaanong ke maswabi fa bangwe ba barutabana baka go amega mo ditirong tsa kgokgontsho ya bana. 

O supile fa bana e le mamphorwana maatlhamela babolai, ka jalo a kopa borre go nna basireletsi ba bana.

Mogolwane go tswa kwa BHC, Rre Tikologo Phillipo,   o tlhalositse fa khamphane e rotloetsa letshego la botho. 

O tsweletse a tlhalosa fa ba aga motho ka go mo direla sengwe se se tlaa mo dirang gore a tshele ka setho, ka jalo ke sone se ba reketseng sekolo seo dididrisiwa tse di tlaa thusang go tokafatsa thuto. 

A re tsholofelo ke gore sekole seo, se gokelwe motlakase mo bogaufing gore baithuti ba kgone go akola didirisiwa tseo.  

Rre Phillipo o tlhalositse gape fa ba itumedisitswe ke gore sekole sa Tsetseng se phepa, a re seo se tlhomamisa fa baithuti ba tlaa somarela tse ba di abetsweng.  

Mogokgo wa sekole sa Tsetseng, Rre Ranolang Babusi a re BHC e ba thusitse thata ka go araba letlhoko la sekole 

Rre Babusi a re sengwe sa tse di tlhaelang ke dibuka tse baithuti ba ka ithutuntshang ka tsone.

Rre Babusi a re mpho ya BHC e tsile go ba tlhofofaletsa tiro, a supa fa sekole se dikile se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka maduo a 83 per cent go tswa kwa go a 38,5 per cent ka ngwaga wa 2018. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Tsetseng

Event : Kabo dimpho

Date : 03 Nov 2020