Kokelwana ya Eye Light Group e abela bagodi digalase
03 Nov 2020
Banni ba Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST) ba le masome a matlhano ba abetswe digalase tsa matlho ke kokelwana ya matlho e ikemetseng ya Eye Light Group.
Fa a bua kwa tirong eo kwa Bokspits ka Matlhatso, mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o ne a tlhalosa gore o ne a ikgolaganya le boeteledipele jwa Eye Light Group kwa Tlokweng go kopela banni thuso segolo bogolo bagodi ka e le bone ba tshabelelwang ke go latlhegelwa ke pono. O ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi e le mogote thata ka jalo mmu wa teng o fatlha matlho ka o galalela fa go le selemo le gore go lemosegile fa setlhare sa Sexhanana le sone se na le seabe se se ntsi mo tatlhegelong ya pono.
Rre Brooks a re kgolagano ya gagwe le Eye Light Group e simolotse ngogola kwa Tsabong ka go tlhatlhoba matlho a bagodi ba le makgolo mararo le go ba abela digalase tsa matlho.
A re mosepele wa go tlhatlhoba le go abela bagodi digalase o gorogile gape kwa Khuis kwa go thusitsweng bagolo ba le lekgolo le lesome le bobedi.
O tlhalositse gore bagodi ba tlhatlhobelwa le malwetse aa sa tshelanweng jaaka sukiri le madi a matona, mme ba ba tshwarwang ka malwetse a, ba romelwa kwa dikokelong.
Rre Brooks a re maikaelelo ke go akaretsa metse yotlhe kwa Kgalagadi Borwa.
Le fa go ntse jalo, Rre Brooks o kgotlhaditse banni ba kgaolo go nna ba etela kokelwana eo go itlhatlhobela makoa a matlho nako e sa ntse e le teng gore ba kgone go bona thuso ka nako.
Fa a tswa la gagwe, moteledipele wa Eye Light Group, Mme Thanuja Panicker, o boletse fa batho ba ka nna dikete tse di lesome le botlhano mo Botswana ba tshabelelwa ke go tlhoka pono.
Mme Panicker a re tlhatlhobo ya bone e itebagantse thata le bagodi ka ba ka se kgone go latela dikokelwana tsa matlho kgakala ka jalo ssemo seo se ba gwetlha go ba isetsa ditirelo kwa ba leng teng.
A re maikaelelo a bone ke go tlhatlhoba palo e ntsi ka letsatsi mme sebe sa phiri e nna ditsetlana tse di beilweng go laola kanamo ya segajaja sa COVID-19 ka e sa letle batho go kokoana lebaka le gone ka dipalo tse kwa godimo.
Mme Panicker a re le fa butse kokelwana ya matlho kwa Tsabong, ga ba lebelela go dira dipoelo fela, mme ba bona go le botlhokwa go nna le seabe mo go tlameleng morafe o ba direlang mo go one ka tsa botsogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Bokspits
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Nov 2020