Breaking News

Baithuti ba pele ba abetse Mowana

02 Nov 2020

Baithuti ba pele ba ngwaga wa 2000 ba Mowana Junior Secondary School kwa Mahalapye ba abetse sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri o o lopileng madi a fetang P22 000.

Fa a bua kwa moletlong wa go amogela mpho eo ka Matlhatso, Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko, o ne a akgolela baithuti bao tiro e ntle e ba e dirileng.

A re motshine o, o tlaa thusa go tokafatsa maduo a baithuti ba sekole sa Mowana le go dira pharologanyo mo sekoleng.

Rre Boko, yo a neng a bua mo boemong jwa Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere,  o ne a tlhalosa gore mpho eo e tlaa thusa go bulela sekole dikgoro le go thusa go tlhofofatsa dilo dingwe tse di ntseng di saletse kwa morago. 

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Boko o ne a kgala ditiragalo tsa kgokgontsho ya bong tse di golelang pele.

O ne a rotloetsa Kgosi Alexander Modisa wa Mowana le baeteledipele ba sekole seo go tsaya kgang ya kgokgontsho ya bong ka tlhwaafalo ka go rutuntsha bana ba santse ba le bannye gore ba gole ba itse fa kgokgontsho e sa siama. 

A re kgokgontsho ya bong e tshwanetse go fedisiwa ka ditsela tsotlhe tse di kgonagalang. 

O ba kopile gore ba bue ka kgang e ka nako tshotlhe, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go kgala kgokgontsho ba sa kgwe mathe, mme ba tlhalose gore ngwana wa mosetsana ga a tsenngwe letsogo, e bile gape ga ba a tshwanela go itseela dikobo ka dikgoka mo go ba bangwe.

“A re bueng, bogolo thata, le bana ba basimane ba santse ba le bannye gore ba itse gore ngwana wa mosetsana ga a tsenngwe letsogo le gore ba seka ba dira sepe se e leng gore ke kgokgontsho mo botshelong jwa motho o mongwe. Borre a re tseyeng maikarabelo a go sireletsa bomme, ba seka ba re tshaba”, ga tlatsa Rre Boko. 

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Modisa a lebogela mpho e o, a bo a akgolela baithuti bao, go bo ba ne ba bona go le maleba go gopola sekole se ba amuleng botlhale mo go sone.

Kgosi Modisa a re se se supa fa le bone ba direla setshaba ka jaana ba kgonne go ikitaya ka thupana go direla lefatshe la bone. 

O ne a tlhalosa fa mo malatsing a gompieno, bana ba tshwarisitse batsadi bothata ka go tlhoka kutlo, a tlatsa ka gore go a lebosega go bo go santse go na le banana ba bone ba nang le maikaelelo a mantle a go direla lefatshe la bone. 

Modulasetilo wa komiti ya Mowana JSS Class of 2000, Rre Moses Tlhalerwa, o tlhalositse fa ba ne ba bona go le maleba gore ba gopole go direla sekole sa bone sa pele, mme komiti ya bone ya dumalana ka mowa o le mongwe fela gore ba rekele sekole seo motshine oo ntsifatsang dipampiri. 

Mogokgo wa Mowana, Rre Kenneth Maungwa o ne a lebogela baithuti ba pele mpho e ba e abetseng sekole sa gagwe le setlhare sa moriti se ba se lemileng mo sekoleng. 

A re go a lebosega go bo ba bone botlhokwa jwa go nna le seabe mo go tokafatseng thuto. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 02 Nov 2020