Breaking News

' Ipabaleleng mo mogareng wa corona'

02 Nov 2020

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o kopile makhanselara le badulasetilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go netefatsa fa banni ba obamela melawana ya botsogo go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.

Rre Tshere o boletse fa maikaelelo a phuthego ya Labotlhano e ne e le go buisana ka dikgang tse di akaretsang ditlhabololo tsa motse, seemo sa borukutlhi le botlhokwa jwa go thibela kanamo segajaja sa COVID-19.

Rre Tshere o ne a kopa baeteledipele go ruta banni go itlhokomelo le go ipabalela, ka ele gone fela mo ba ka go dirang go thibela go tsenwa ke mogare, a ba kopa gape go gatelela molaetsa wa ba botsogo wa gore batho ba apare dipipa nko le molomo, ba seka ba kokoana mo go ka bakang mosuke gape ba tlhape diatla kgapetsakgapetsa ka metsi aa phepha le molora.

Mo godimo ga moo, Rre Tshere o ba gakolotse gore fa ba dira mananeo a bone, ba itse gore seemo sa go lwantsha kanamo ya mogare wa corona se setse se ba jetse ngwaga mo nakong ya bone. 

Ka jalo o ne a ba rotloetsa gore ba seka ba iketla fela ka gore batlhophi ba bone ba tlaa sekaseka gore ba ba diretse eng le ka nako ya COVID-19. 

A re ba seka ba kgobiwa marapo ke seemo sa nako eno, mme ba tswe ka maano a go bona gore ba dira tiro ya bone.

O ne a ba kopa go rotloetsa banni go inaakanya le mananeo a puso a a leng teng, go tlhabolola matshelo a bone.

Mopalamente o supile gape fa a tshwenyegile ka seemo se se golelang pele sa borukutlhi le dipolao tsa batho.

Rre Tshere a re seemo se se tlhoka go emelwa ka dinao ke boeteledipele jotlhe jwa motse. 

A re nako e tsile ya gore batho ba itse gore ba tshwanetse ba itshole ka tsela e ntseng jang mo motseng, e seng go tshidisetsa ba bangwe mo letshogong.

O ne a tlhalosa gore baeteledipele ba tshwanetse go netefatsa tshireletsego ya batho le go ba buelela gore matshwenyego a bone a rarabololwe.

A re o na le tsholofelo gore, motlha mongwe, dikgang tse di tla atlega, a tlatsa ka gore o di tshwaraganetse le Mopalamentse wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko.

Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara le badulasetilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, ka go farologana, ba ne ba leboga le go akgolela mopalamente maiteko a gagwe a go ikopanya le bone, gore a rerisanye le bone le go utlwa megopolo ya bone. 

Selo se, ba re se tla thusa gore ba direle setshaba sentle ka mowa o le mongwe, ka go kopanela megopolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 02 Nov 2020