Breaking News

Brooks o rerisa baeteledipele ba kgaolo

01 Nov 2020

Baeteledipele ba metse mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba kgothaditswe go nna le seabe mo go tlhomamiseng gore mogare wa COVID-19 ga  o tswelele o  anama  mo setshabeng.

Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Sam Brooks mo phuthegong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba kgaolo kwa Tsabong bosheng.

Maikaelelo a phuthego eo, e ne e le go rerisana le boeteledipele jwa Tsabong ka ditlhabololo tse di tlang mo ngwageng wa madi wa 2020/2021. Phuthego e ne e tsenwe ke makhanselara, kgosi, dikgosana, Tsamama Trust le maloko a dikomiti tsa ditlhabolo.

Rre Brooks o ne a tlhalosa fa go lebega Batswana ba ne ba tlhaba kgobe ka mutlwa ka nako e bolwetse jwa COVID-19  bo neng bo ise bo kekele mo lefatsheng, ka go tlhoka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a tlatsa ka go re jaanong nako e fitlhile gore ba itharabologelwe.

O ne a tlhalosa gore seemo se sa koketsego ya dipalo tsa balwetse, ke sone se pateleditseng puso go oketsa seemo sa tshoganetso ka dikgwedi tse thataro, e le tsela nngwe ya go laola bolwetse go sireletsa setshaba. 

A re batho bangwe ba ba sa obameleng melawana e e thibelang bolwetse jo, ke ba ba rekisang majalwa a Setswana, ka jalo a gwetlha dikgosana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tsenya  leitlho le go kgalema

Mo go tse dingwe, Rre Brooks o ne a bua a sa kgwe mathe ka kgokgontso e e diragalelang bomme le bana ba basetsana le dipolaano tse di ileng magoletsa  tse di diragalelang baratani, mme a kopa batsadi, boeteledipele le dikereke go lwantsha mmaba yo.

Mopalamente Brooks a re puso ga e bee sebete  dikgang tsa kgokgontsho, ka jalo e setse e le mo dipuisanyong le baeteledipele  go tla ka molao o o tlaa gagamatsang badira molato ka go ba tseela dikgato tse di maleba.

Fa a bua ka ditlhabololo tse di tlaa diragalang mo ngwageng wa madi wa 2020/2021 mo kgaolong eo, o boletse fa di akaretsa lobala lwa metshameko lo lo tswang kgakala go sena madi  a go lo  aga. 

O ne a tlhalosa gore jaanong puso e tsere tshwetso ya go tlatsa madi a a neng a tswa kwa lephateng la Tlhabololo Banana Metshameko le Ngwao a P6.5 million ka madi a a fetang P6.7 million go tswa mo go a ditlhabololo a kgaolo.

O ne a tlhalosa fa gape puso e tlaa tlhabolola lefelo la diphologolo la Mabuasehube ka madi a fetang  P2 million gore le nne le tebego e e ka okang bajanala, ka ba na le seabe se se ntsi mo itsholelong  ya lefatshe.

A re gape go tlaa agelwa morafe lefelo la dikoko tsa mae kwa Kisa ka P250 000 fa kwa Rapplespan gone go tlaa dirwa phatlalatso ya metsi le go rekwa ga koloi e e tlaa dirisiwang  go etela mafelo, go sekasekwa ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong eo, ka go le pele di ne di diega ka ntlha ya letlhoko la sepalamo se se itebagentseng le tsone.

Mopalamente o boletse fa madi ao otlhe a a tlaa dirisiwang a tswa mo mading a kgaolo a a tswang mo pusong go tlhabolola dikgaolo.

E ntse e le ka ditlhabololo tsa kgaolo, Rre Brooks o ne a kopa batsena phuthego go buisana le maphata a a lebaneng ka lefelo le le fa gare ga Tsabong, le go lemilweng ditlhare mo go lone, go bapa le kgotla ka le sa dirisiwe sepe mo nakong ya gompieno, go le kopa go nna la morafe gore ba le dirise go oka bajanala le setshaba go iphokisa phefo mo go lone.

A re lefelo leo, fa le tlhabolotswe le ka tsenyetsa morafe madi, mme gape la neela Tsabong seriti ka e bile le le fa gare ga motse.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara yo o itlhopetsweng Mme Rachel Villander o ne a supa tlhobaelo ka terata ya molelwane e e kgaoganyang Botswana le Afrika Borwa, a re e na le lobaka e tsentswe mme e bile mo nakong eno e na le diphatlha gongwe le gongwe.

 Mme Villander a re seo se na le seabe se se ntsi mo dipalong tse di kwa godimo tsa batho ba ba tlolang molelwane e se ka fa molaong. 

A re seemo seo se baya Batswana mo diphatseng tsa go tsenwa  ke COVID-19.

O ne a supa gape matshwenyego ka dikgang tsa kgokgontso le tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi mo kgaolong eo, a supa fa batsadi bangwe ba gataka ditshwanelo tsa bana ka dinao, ka ba felela ba tsholola dikgang tsa mofuta oo, go twe batsadi ba buisane kwa malwapeng.

A re se, se rotloetsa badiramolato go tswelela ka kgokgontso eo.

Fa a leboga, mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre John Lentshikang o ne a lebogela bokopano joo, a re bo botlhokwa bogolo jang ka ditlhabololo tse di tlaa diragalang mo kgaolong eo, ke tse ba tswang kgakala ba di kopa. 

O ne a supa gore mhama wa bojanala fa o tlhabolotswe o ka dira pharologanyo mo kgaolong eo ka go tlhama ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego

Date : 01 Nov 2020