Breaking News

Orange e thusa ka maranyane a thuto

01 Nov 2020

 Orange Botswana e abetse sekole se sebotlana sa Ratholo dibalamakgolo di le le ditsompelo tsa tsone ka Labotlhano, ka maikaelelo a go diragatsa tebelopele ya lefatshe ya 2036.

Mogolwane wa Orange Botswana, Dr Patrick Benon o ne a tlhalosa fa COVID-19 e amile dithuto tsa bana, mo go ileng ga dira gore ba ithutele kwa malwapeng, mme se sa ba gwetlha gore ba simolole lenaneo la go isa maranyane a thuto ko dikoleng. 

“Re le ba Orange re ne ra simolola lenaneo le go netefatsa gore thuto e goroga mo lefatsheng lotlhe ka bophara ka tiriso ya maranyane,” ga bua  Dr Benon. 

O ne a supa fa ba setse ba abetse dikole tse di farologanyeng dibala makgolo di le 1 000.

Dr Benon o tlhalosa fa ba dira seo ka go neela bana dibala makgolo tse di nang le dithuto tse di leng teng mo dibukeng go netefatsa gore thuto e nna motlhofo, gape ba ne ba ruta barutana le bana go dirisa maranyane.

“Fa re simolola, babereki ba Orange ke bone ba ba neng ba ruta bana le barutabana go dirisa maranyane a, mme mo nakong ya gompieno ba rutwa ke babereki ba Thuto go tswa kwa Moding,” ga tlhalosa v Benon. 

Re tshwaraganetse kgetsi e le ba lephata la Thuto go tswa kwa Modimong le lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae.

Mogolwane wa lephata la boranyane mo lephateng la Thuto go tswa kwa Moding, Rre Taolo Tsimanyana o ne a re tiriso ya maranyane mo dikoleng e tsile go tokafatsa thuto ya Botswana fela thata.

“Re bone go tshwanela go kopanela thuto ya ngwana go ntsha maduo a a nametsang,” ga bua Rre Tsimanyana. 

O supa fa Orange e ne ya ba rutuntsha gore ba rute bana le barutabana ka tiriso ya maranyane.

E rile go le pele, fa a amogela baeng, Kgosi Ditshotlo Mangadi wa Ratholo a supa fa a le motlotlo e bile a itumeletse mowa wa lorato, tshwaragano le bopelotlhomogi jo bo rotloediwang thata mo Botswana.

O tlhalosa fa Orange e diragatsa toro ya puso ya go tlhabolola thuto go tswa kwa moding.

“Bopelontle jo bo dirilweng ke khamphane ya Orange jwa go bona go le maleba go tlhopha sekole sa Ratholo gore bana ba seka ba salela kwa morago mo go tsa thuto bo molemo,” ga bua Kgosi Mangadi. 

O ne a rotloetsa mogokgo gore mpho eo e tlhokomelwe go netefatsa gore e ntsha maduo a a botoka.

Fa a ntsha la gagwe, mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Setlhabelo Modukanele o ne a leboga khamphane ya Orange go bo ba supile mowa wa lorato le tshwaragano, go itlama go isa thuto ya maranyane kwa dikoleng go tokafatsa thuto ya Batswana.

Rre Modukanele o ne a re ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, o dumela fa tirisano mmogo ya maphata a le ba Orange e ka ntsha maduo a a nametsang. 

“Mpho ke eo, mme boleng jwa yone bo tlaa itsupa fa re bona bana ba rutegile mo tirisong ya maranyane le pabalelo ya mpho e e tlaa supa fa e amogetswe ka tsoo-pedi,” ga bua Rre Modukanele.

Mokhanselara wa Ratholo/Majwaneng, Rre Daniel Ookame o ne a leboga khampane ya Orange ka thuto ya bone ya maranyane e ba e tsisitseng mo kgaolong ya gagwe.

“Re le puso re batla go bona ka 2036 maranyane e le botshelo jwa rona jwa tsatsi le letsatsi jaaka Orange e simolotse go diragatsa toro ya Batswana. 

Rre Ookame o dumela fa bana ba ka seke ba nne le kgwetlho ya tiriso ya maranyane fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane, ka ba tlaa bo ba setse ba na le kitso ya teng. 

“Re ntse re na le letlhoko la dibuka tse di balwang mo sekoleng se, mme maitlamo a lona a tiriso ya maranyane a tlaa fedisa selelo sa rona,” ga bua Rre Ookame. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Ratholo

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Nov 2020