Breaking News

Thuto ya dikitso le boranyane e botlhokwa

01 Nov 2020

Batsadi ba kopilwe go rotloetsa bana ba bone go tlhoafalela dithuto tsa maranyane go simolola kwa dikoleng tse dipotlana ka di le botlhokwa.

E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Tsabong ka Labotlhano, mothusa tona wa Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Boranyane le Boitsanape, Rre Machana Shamukuni a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go tswakanya itsholelo ka dikitso tsa boitseanape le boranyane.

Rre Shamukuni a re bontsi jwa mafatshe a a tlhabologileng a ikaegile ka dikitso tsa boitseanape jo bo faphegileng go fetlha itsholelo, ka jalo lefatshe leno le gwetlhega go itepatepanya le seemo seo go isa itsholelo kwa godimo.

A re dithuto di tshwana le tsa dipalo, maranyane le tsa boinjeniere fa bana ba di tsaya ka tlhoafalo di ka thusa lefatshe thata, ka go tlaa bo go na le bommantswitswidi ba ba kgonang go fetola itsholelo go nna e e eletsegang. 

A re maikaelelo a lephata la gagwe ke go fetola seemo sa itsholelo jaaka di-tswa mmung le di-tsa tlholego ka dikitso le boitseanape.

Rre Shumukuni o boletse fa go tswa goo Lowe, go na le dikitso tsa tlholego le di-tswa mmung tse Batswana ba neng ba sa di tsee tsia, mme batswakwa ba tla go di ba amoga ka go tsaya botsipa joo go bo isa kwa mafatsheng a bone go gweba ka jone, mme itsholelo ya mafatshe a bone ya phophoma.

O ne a tlhalosa fa masome a mabedi le botlhano mo lekgolong, wa madi a setshaba a isiwa kwa thutong e kgolwane, a re ngwaga le  ngwaga P 2.4 billion o dirisiwa mo tlhokomelong ya bana mo dikoleng.

Rre Shamukuni o ne a tlhalosa gore le fa go ntse jalo, madi a itshetso le tse dingwe ga a lekane ka ntata ya tlhaelo ya madi, ka jalo a kopa batsadi go tswa ka megopolo go thusa puso ka seemo seo.

A re dithuto tsa ditiro tsa diatla di tswa kgakala di sa tsewe tsia, mme le fa go ntse jalo dipatlisiso di supa fa e le tsone konokono mo go fetoleng itsholelo ka go tlhama ditiro.

Rre Shumukuni o ne a supa fa lephata la gagwe le le mo thulaganyong ya go phuta dikitso tsa Batswana go di kwadisa ka seo se ka thusa mo tshomarelong ya di- tsa tlholego.

Rre Shamukuni o ne gape a kgothatsa batsadi go rotloetsa  banana go inaakanya le Botswana Open University kwa Kang go oketsa dithuto tsa bone.

Mongwe wa batsena phuthego eo, Rre Tapologo Bojang o ne a kopa gore sekole sa ithutelo tiro ya diatla se se mo Tsabong se okelediwe dithuto di tshwana le tsa kago le motlakase gore se nne mo seemong sa tse dingwe mo lefatsheng leno.

Rre Bojang o ne gape a ngonogrega ka botlhoka tsebe jwa baithuti ba dithuto tse di kgolwane,  ka ba senya dikago le dithoto tsa puso, mme a kopa gore puso e busetse thupa mo dikoleng go tsenya bana mo tseleng.

Moeteledipele mo lephateng la thuto go tswa kwa moding,  Mme  Maipelo Kesenye fa a araba dingwe tsa dipotso o ne a supa fa puso e setse e tsere tshwetso ya go letlelela le go rotloetsa gore bana ba ba sa abelwang mo dithutong, ba simolole go rutwa go remeletswe mo go se ba se kgonang, jaaka dithuto tsa tiro ya diatla go simolola mo ngwageng o o tlang.

Mme Kesenye o ne a supa fa thupa e sa age le go bopa ngwana jaaka bangwe ba akanya, a supa fa go na le makalana  a  tshidilo maikutlo a a betlang le go aga bana mo dikoleng.

Mopalamente wa Kgalagdi Borwa, Rre Sam Brooks o ne a supa fa Kgalagadi a humile di-tswa mmung le di-tsa tlholego, mme go tswakanya itsholelo ka dikitso le boitseanape go ka ba solegela molemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Nov 2020