Breaking News

Ipelegeng le komiti ya motse ba agetse batlhoki matlo

01 Nov 2020

Kgosi Michael Magashula wa Chwagare o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa motse le babereki ba Ipelegeng kwa metseng ya Sekokwane le Cwagare go bona go tshwanela go busetsa seriti sa banni ka bone ka go agela batlhoki ba le babedi matlo a bonno. 

O buile jaana bosheng fa a ne a bula matlo a semmuso kwa metseng e mebedi e. 

Kgosi Magashula o kaile fa se bodiredi bo se dirileng se le segolo e bile se na le bokao mo setshabeng. 

A re ba bontshitse metse e gore ba na le lerato e bile ba eletsa go tlhabolola ba ba kobo dikhutshwane.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mme Arabang Molefe o tlhalositse fa tiro e ya go aga matlo e simolotse ka 2000 le 2014. 

O kaile fa ba ne ba lemoga fa mongwe kwa Sekokwane a ne a sokola a sena boroko. 

A re ka jalo, ba ne ba itlama gore ba dire dikoleke tse di tlaa ba thusang go aga.

 O kaile fa banni ba motse ba ne ba ba eme nokeng, bogolo jang babereki ba Ipelegeng ba ba neng ba koleka madi.

 Ba ne ba dumalana go koleka madi a ba a neelwang fa ba na le bokopano e le gone gore ba kgone gore ba tle ba diragatse maikemisetso a go agela malapa ao.

Ba agetse motlhoki kwa Sekokwane  ntlo e e nang le dikamore tse pedi fa ntlo e e kwa Cwagare yone e na le diphaposi tse tharo. 

Modulasetilo a tlhalosa fa go ne go se bonolo, mme a leboga botlhe ba ba ba thusitseng. 

O kaile fa marekisetso mangwe le one a ba thusitse gore ba kgone ditoro tsa bone tsa go ntsha ba ba kobo dikhutshwane mo lehumeng.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego kwa Good Hope mme Martha Diseko o akgotse botlhe go bo ba dirile tiro e ntle.

O kaile fa lephata la bone le ikemiseditse go tokafatsa matshelo a batho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Sekokwane

Event : Pulo semmuso

Date : 01 Nov 2020