Bagwebi ba lwantsha manokonoko
01 Nov 2020
Bomme ba bagwebi ba ba botlana mo toropong ya Selebi Phikwe ba ikgobokantse go lwantsha manokonoko a bolwetse ja COVID-19 ba le seoposengwe.
Bomme ba, ba tlhamile mokgatlho wa Together as One ka maikaelelo a go oketsa letseno la madi ka dikgwebo tsa bone di sa tlhole dira sentle jaaka pele.
Mo potsolosong le BOPA, mothusa modulasetilo wa mokgatlho Mme Josephinah Matlakala, o tlhalosa fa mokgatlho o na le maloko a le masome a mabedi le boraro a e leng bomme ba ba rekisang diaparo le merogo mo toropong.
Mme Matlakala a re mogopolo wa go tlhama mokgatlho o o dule morago ga kiletso mesepele ya go lwantsha kanamo ya mogare wa COVID-19 ka dikgwebo ka bontsi di ne tsa phutlhama fa tse dingwe di sa tlhole di dira sentle.
A re go itepatepanya le seo, ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore Labotlhano mongwe le mongwe ba apare kapari ya Setswana ba bo ba ntsha P30 Labotlhano mongwe le mongwe go ipolokela gore fa ngwaga o fela ba kgone go rekela bana dijo le diaparo ga mmogo le go dira dipe tse ba eletsang go di dira.
O supile fa maloko a mokgatlho ba itumile sekgono go godisa mokgatlho ka ba setse ba lemogile fa o ka ba direla letseno go na le go jela mo ganong jaaka pele.
Mme Matlakala a re madi ao a tlaa ba thusa go tsenya bana dikole le go tshetsa ba malwapa a bone.
A re mogopolo o o ba thusitse gore ba tlhabolole ka fa ba ntseng ba tsamaisa dikgwebo tsa bone ka teng, a re morekisi o tshwanetse go kgatlha leitlho la moreki.
O ne a rotloetsa bagwebi ba bangwe go tsena mo mokgatlhong o, gore ba kgone go rutana ka tsa kgwebo ba le seopo sengwe.
Le fa go ntse jalo, Mme Matlakala a re dikgwebo tse di potlana di na le dikgwetlho tsa koketsego ya ditlhwatlhwa kwa ba rekang teng mme ba sokole go reka jaaka pele.
Mme Gosekwang Mabina ene a re pele ga tlhagogo ya mogare ba ne ba reka diaparo ka ditlhwatlhwa tse di botoka mo le bone ba neng ba bona dipoelo tse di botoka.
Mme Mabina o supile fa mathata a mangwe a a itsang dikgwebo potlana go tswelela ele go tlhoka lefelo le ba direlang mo go lone, a supa fa dilwana tsa bone di felela di babalelwa ke letsatsi ka di sa sireletsega.
A re ba lebogela maiteko a a dirwang ke puso a go adima bagwebi ba babotlana madi, a re mme seo ga se a lekana ka bagwebi ba sa lekane.
A re bagwebi ba babotlana ba tshwanetse go thusiwa ka madi a a senang morokotso.
A re se se ka thusa go godisa dikgwebo potlana tse di sa direng sentle ka ntlha ya letlhoko la madi.
Kwa bofelong o ne a supa fa ba tsweletse ka go itlhokomela le go tlhokomela bareki ba bone ka go obamela melawana ya ba botsogo mabapi le go lwantsha kanamo ya mogare wa COVID-19. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 01 Nov 2020