Breaking News

Mopalamente wa Ngami a re banni ba nne ka tsholofelo

29 Oct 2020

Banni ba Tsau kwa kgaolong ya Ngami ba kopilwe go nna ka tsholofelo ya gore tsela ya Sehithwa-Mohembo e tlaa baakanngwa ka e tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo le le fetotsweng.

Mopalamente wa Ngami, Rre Caterpillar Hikuama, o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo Phalane a le 27.

Rre Hikuama a re tsela eo, e setse e tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo le le fetotsweng e bile e kanokilwe gore e tlhoka madi a a kae.

O ne a tlhalosetsa banni gape fa go le mo dithulaganyong tsa go aga diofisi tsa sepodisi mo motseng wa bone, selo se a supileng fa se ka thusa go fedisa tlhaelo ya mapodisi.

Mo go tse dingwe, Mopalamente Hikuama o ne a gakolola batsadi ba motse oo gore ba tsee boikarabelo mo kgodisong ya bana.

A re go a tshwenya go bo bana ba dikole ba tlhoka tsebe.

A re seo se ka tswa se na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a baithuti, ka dithuto di sa tsamaelane le go tlhoka tsebe.

O ba tsibositse gore ba na le tshwanelo ya go isa bana fa pele ga bogosi gore ba kgwathisiwe ba boele mo tseleng.

Fa a tshwaela mo go tsa kgokgontsho ya bong, Rre Hikuama o ne a gwetlha banni ba Tsau gore ba eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bong le bana. 

E ne e rile go le pele, fa a amogela baeng, Kgosi Gaetimelwe Keathotswe wa Tsau a tlhalosa fa a tshwenngwa ke gore ntswa motse wa bone o sale o nna teng dingwagangwaga pele ga boipuso, o saletse kwa morago ka ditlhabololo.

Kgosi Keathotswe o ne a supa gape fa le one madi a dikgaolo tsa botlhophi ba ise ba bone dithuso mo go one e le ba Tsau.

Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa diofisi tsa puso go tswa kwa Sehithwa, Rre Obakwe Tsholofelo o ne a supa gore dikomiti tshotlhe tse di mo motseng di tshwanetse go tshwaragana gore ba tlhabolole motse wa bone.

Rre Tsholofelo o ne a tlhalosetsa banni fa khansele e ne ya ntsha madi gore go baakanngwe marekisetso a nama mo motseng wa bone, e le nngwe ya ditlhabololo mo ngwageng oo fetileng,  mme a re mo ngwageng ono go tserwe tshwetso ya gore go agwe matlo a badisadikago mo dikoleng tsotlhe tsa kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Tsau

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Oct 2020