DPP PPC ba agela motlhoki
29 Oct 2020
Lephata la puso la bosekisi (DPP) le khamphane ya PPC ba agela lelwapa lengwe kwa Palapye ntlo.
Mogolwane wa DPP, Rre Stephen Tiroyakgosi a re e re ntswa ba itsege ka ditsheko, ba bone go tshwanela go ikopanya le khamphane ya PPC go agela boora Sobe ntlo.
Rre Tiroyakgosi o tlhalositse fa PPC e thusa mo tshimolodisong ya kago ya ntlo, se e le go supa fa khamphane eo, e sa tla ka mabaka a kgwebo fela, mme e na le maikaelelo a go fetola matshelo a Batswana, go fokotsa letlhoko le go supa tirisano mmogo.
Mogolwane wa PPC, Rre Tuelo Botlhole a re ba bone go tshwanela go ikopanya le lephata la bosekisi go dira molemo, a tlatsa ka go re moono wa bone o motona ke go fetola matshelo a batho, e seng go dira dipoelo fela.
Mongwe wa lelwapa le le agelwang ntlo, Rre Keorapetse Sobe o ne a leboga PPC le ba DPP, go bo ba tlhophile lelwapa la bone go ba agela ntlo.
“Ke kopa gore maitlamo a lona a seka a felelela ka rona, mme a tswelele ka go fetola matshelo a Batswana lefatshe ka bophara,” ga bua Rre Sobe.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa boipelego go tswa kwa ofising ya khansele-potlana ya Palapye, Mme Nametso Kokoro o ne a leboga lephata la bosekisi le PPC go bo ba tsentse letsogo go thusa puso go rurifatsa gore batho ba nna le bonno.
Mme Kokoro a re motho fa a sena bonno, ga a na seriti, gape go nna le kgonagano ya go tshelana malwetse.
O ne a tlatsa ka go re letlhoko la bonno le ama bana thata ka ga ba nne sentle, ba bangwe ba felela ba fudugela kwa masikeng, mme ka go tlhoka lesego, ba felele ba kgokgontshiwa.
Kgosi wa Palapye, Mme Matha Lebaleng o ne a lebogela mowa o montle wa tshwaragano, lorato le bopelotlhomogi o o supilweng ke bobedi joo, mme a ba kgothatsa go anama le lefatshe la Botswana, go thusa puso go tokafatsa matshelo a batho ka go netefatsa gore ba na le bonno.
Kgosi Lebalang o ne a kopa ba lelwapa loora Sobe go tlhokomela mpho eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Tshimolodiso Kago
Date : 29 Oct 2020