Breaking News

Go loba bana go ka thuba malwapa

28 Oct 2020

Mothusa molaodi wa Kgalagadi, Mme Thapelo Lesolame a re go loba bana ba ba tshotsweng pele ga lenyalo ke banyalani go na le seabe mo go thubegeng ga malwapa. 

Mo puisanyong le BOPA bosheng, Mme Lesolane a re go dira jalo ga go a siama ka go baka tlhoka kutlwisisanyo gareng ga banyalani.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore pele ga banyalani ba tsena mo lenyalong ba tsenelele dithuto-puisanyo le go sidilwa maikutlo ka lenyalo, ka seo se ka thusa gore ba phuthologe ba  buisanye, go  ipaakanyetsa diemo tsotlhe tse ba ka kopang le tsone.

Mme Lesolame a re go simolola ka Seetebosigo go fitlha mo nakong ya gompieno ba setse ba amogetse manyalo a le masome mararo le bongwe mme mo go tsone dipalo tseo ba setse ba na le dikgang tsa go loba bana, bogolo jang ke borre, di le tharo le tsa  bomme ba ba emisang  manyalo di le nne.

A re ntswa borre bangwe ba ne ba kile ba solofetsa bangwe manyalo, e bile ba dirile dithulaganyo dingwe jaaka patlo, ga ba a rerisa bomme bao fa ba fetogetse megopolo, ka jalo go nne le bothata fa ba setse ba tsena mo nyalong.

Mme Lesolame a re go botlhokwa gore borre ba bue boammaaruri ba phuthologile  le bomme ba ba tsenang le bone mo lenyalong ka bana ba ba nang le bone go itsa  dikgogakgogano.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa molaodi o ne a supa fa ba itemogetse gore banyalani bangwe ba tsena mo manyalong ba sa tlhaloganye lenyalo la tlhakanelo dithoto le le e seng la tlhakanelo dithoto.

Ka jalo o ne a tlhagisa banyalani go batla bogakolodi ka dikgang tse pele ga ba tsena mo manyalong gore tsela pedi ba tsaya efe. 

O ne a rotloetsa gape ba ba eletsang go nyalana gore pele ga ba nyalana ba iphe nako ya go tsenelela dithuto tsa tshidilo maikutlo, e ka  tswa e le kwa dikerekeng, balaodi kana bagakolodi gore dilo dingwe ba di tlhotlhe sentle le go akanya botoka pele ga ba itlama go tsena mo nyalong.

Mme Lesolame o supile gore se se itumedisang mo manyalong a malatsing a, ke gore melawana yotlhe  ya COVID-19 e e  thibelang kanamo  ya  mogare  e salwa morago, e akaretsa go rwala dipapetlana tse di bipang nko le  molomo, go tlhapa diatla ka metsi le molora, go dirisa sebolaya  mogare le gone go katologana.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Bothata Botsheleng wa Khuis  o ne a supa fa COVID-19 e rutile Batswana dilo di le dintsi ka jaana le mo manyalong go nnile le diphetogo ka jaana ka nako ya bogadi bo ntshiwa kwa kgotleng go letlelesega fela batho ba le lesome e le basupi ba banyadi.

Kgosi Botsheleng a re palo tsa masome a matlhano go thibela mogare  e fokoditse ditshenyegelo tse dintsi mo manyalong, selo se a reng bangwe  ba  ne ba felela ba itsenya mo dikolotong le ntswa ba sena bokgoni  ka batho ba sa lekane e se meno.

O ne a gakolola banni mo kgaolong eo gore ba tlogele mokgwa wa go tsholetsa ditlhwatlhwa tsa bogadi  ka e se kgwebo fa e se go leboga batsadi ba ngwana wa mosetsana fela.

A re  seo se felela se paledisa borre bangwe  go nyala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2020