Breaking News

Tona o lekola Kalahari Tlou Energy

28 Oct 2020

Tona wa Di-tswa mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi a re puso e eletsa gore dikhamphane tsa Kalahari Energy le Tlou Energy di epe gase e e tlaa dirisiwang mo lefatsheng leno.

O ne a bua jalo mo potsolotsong morago ga go etela khamphane ya Kalahari Energy gaufi le Mmashoro bosheng.    

Rre Moagi a re dikomphane tseo di setse di epile didiba mo mafelong a a farologaneng, tsa ba tsa dira ditekeletso mme go ne ga bonala fa go na le gase e e ka tswang.

A re se se setseng ke gore ba tswelele jaanong ba dire ditekeletso  tsa go bona gore a gase eo e ka nna e e ka dirang dipoelo le gore a e ka ntsha motlakase. 

Rre Moagi o ne a supa fa go na le lefelo la  diesel kwa Orapa la 90 megawatts le le diretsweng  gape gore le ka tsenya gase.  

A re maikaelelo ke gore khamphane eo ya gase e simolole ka go tsaya gase ka dikoloi di e isa kwa Orapa mme fa e setse e epiwa e le ntsi go bo go dirwa phaephe e e tla a e isang. 

Rre Moagi a re jaaka dikhamphane tseo di tsweletse di epa gase, go tlaa nna le tse dintsi tse di tlaa nnang le mosola jaaka go tswa ga metsi a a ka dirisiwa mo dilong di le dintsi jaaka go tlhatswa magala kwa Morupule le go thusa mo temong ya nosetso. 

A re loeto lwa gagwe lo nnile mosola ka go tlaa mo kgothatsa gore a fe dikhamphane tseo thuso e e maleba di tle di simolole go thusa lefatshe leno.

Rre Mokwaledi Ntsimanyana yo o direlang kwa khamphaneng ya Kalahari Energy o ne a supa fa khamphane ya gagwe e simolotse go tlhotlhomisa ka gase e e bonwang mo magaleng ka 2007.

Ka jalo a re dipatlisiso tseo di ne di gatisetsa tse di neng tsa dirwa ke puso mme fela jaaka puso, khamphane ya gagwe e fitlhetse gase eo e le teng.

Rre Ntsimanyana a re se se setseng e ne e le gore dikhamphane tse di ikemetseng ka nosi di rurifatse gore gase eo e teng mme di atolose ditshekatsheko tsa puso di di rurifatse.  

A re gase eo e siametse go ka dirisiwa, ka ga e farologane thata le e e apayang e dirisiwa mo malwapeng. 

A re pharologanyo ke gore e e tlwaetsweng e amanngwa le dipeterole mme e khamphane ya gagwe e e epang e tswa mo magaleng.

Rre Ntsimanyana a re gase e e tswang mo magaleng e tswa kgakala e itsiwe mme e ne e ntshediwa mo phefong mme e felela e ama tikologo. 

O supile fa mo nakong eno ba batla go e dirisa mo sengweng se se mosola. 

A re se se setseng ke ditumalano le puso gore ba tsweledise ditshekatsheko mme ba supe gore e ka dirisiwa ya ba ya thusa lefatshe leno.

Rre Ntsimanyana a re gase e ba setseng ba e lemogile e ntsi  e bile e lekana le magala a a leng teng mo lefatsheng leno a a ikadileng fela thata. 

A re fa gase eo e ka epiwa e tlaa fokotsa tse di rekwang kwa ntle ga lefatshe leno. 

Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro o ne a supa fa loeto lwa ga Tona Moagi lo nametsa ka a na le ngwaga fela a sena go tlhongwa go nna tona. 

A re o na le tsholofelo ya gore e tlaare fa kompone eo e sena go sala ditsamaiso tse di tlhokafalang morago e tlaa letlelelwa go epa gase mme e direle Batswana, bogolo jang ba motse wa gagwe le e e mabapi ditiro.

O ne a lebogela loeto lwa ga tona go bo a bone go tshwanela gore a tle go bona ka matlho ka fa khamphane eo e dirang ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2020