Breaking News

Dikoloti o akgola khwaere

28 Oct 2020

Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti o akgoletse khwaere ya TM kwa kgaolwaneng ya Lokgwathi seabe sa yone sa go lwantsha segajaja sa COVID-19. 

A re se se supa fa ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere e se tsa itloso bodutu fela mme di kgathala ka matshelo a batho e bile di eme mananeo a puso nokeng.

Dr Dikoloti, yo gape e leng mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o buile jaana ka Labobedi Phalane 27 kwa Mogojogojo kwa a neng a kopane le boeteledipele jwa morafe. 

Khwaere ya TM e ne ya abela sekole se sebotlana sa Mogojogojo diemere tse di omosang metsi tsa motlakase gammogo le melora e e tlhapang mabogo.

Tona o boletse fa puso e itlamile go tokafatsa ditlamelo tsa botsogo, mme e ka kgona se ka kemonokeng ya mehama e mengwe.

A re seabe sa khwaere ya TM se tlaa thusa go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa COVID-19, jo bo apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.

O ne a gwetlha Batswana go tswelela ba sala melawana ya go thibela kanamo ya bolwetse joo morago. 

O kopile gore batho ba fokotse metsamao e e sa tlhokafaleng gore ba seka ba anamisa bolwetse. 

A re fa go kgonegang teng, bagolo ba romelelwe ditlamelo go na le go amana le bone ka jaana bontsi jwa bone ba tshabelelwa ke malwetse a a ka ba bayang mo diphatseng fa ba ka tsenwa ke COVID-19.

Mo godimo ga mpho eo, Dr Dikoloti o ne a abela sekole seo dithiba-melomo di le makgolo a mabedi, e le tsela nngwe ya go rotloetsa go itlhokomela kgatlhanong le COVID-19.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa khwaere ya TM, Rre Jackson Itshokeng a re ba bone go tshwanela gore ba eme nokeng maikaelelo a puso a go lwantsha segajaja sa COVID-19 ka go thusa sekole se se gaufi le bone sa Mogojogojo. A re tsholofelo ke gore didirisiwa tseo di nne le seabe mo go thibeleng kanamo ya bolwetse.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Gathwane/Mogojogojo, Rre Beach Mooketsane o boletse fa khwaere ya TM e le sekao ka jaana e le mo moonong wa puso wa go akaretsa botlhe.

O ne gape a tlhalosa fa setlhopha seo se tshwanetse go phophothwa legetla ka jaana se tswa kgakala se rutuntsha maloko a sone ka dikgang tse di amang lefatshe di tshwana le kgokgontsho ya bong. 

A re se se supa fa khwaere eo e tshwaraganetse ditlhabololo le puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : Tekodiso

Date : 28 Oct 2020