Ba rotloediwa go ipabalela
28 Oct 2020
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o kgothaditse banni ba Mosolotshane go ipabalela mo mogareng wa corona ka go obamela melawana e e beilweng ke ba botsogo.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Mosupologo Phalane 26, Rre Lesaso o gateletse fa mogare wa corona o le borai, mme e bile o tsweletse ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi lefatshe ka bophara.
A re go obamela melawana ya botsogo go ka thusa go namola badiri ba botsogo mo kgwetlhong ya go lwantsha kanamo ya mogare o.
“COVID-19 ke bolwetse jo bo bolayang, jo re sa tshwanelang go bo tsaya motlhofo. Ba botsogo ba re re iphaphe mo go kgotlhaganeng. Jaanong, a re lekeng ka bojotlhe go fokotsa dipalo mo meletlong le ditiro tse re di kopanelang,” ga bua Rre Lesaso.
O bile a ba kgothaditse go apara dibipa dinko le melomo le go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi le melora.
Mo go tse dingwe, mopalamente o kgadile ditiragalo tse di tsweletseng ka go golela pele tsa kgokgontsho ya bong, gammogo le dipolao.
Rre Lesaso a re borre ba tshwanetse go itse gore go fa bomme dimpho ga se go ba reka, ka jalo fa lorato lO fedile, ba tshwanetse go kgaogana ka kagiso.
O rotloeditse boeteledipele jwa motse go kgala kgokgontsho ya bong le go bua ka borai jwa yone mo diphuthegong.
A re go botlhokwa gore bomme le borre ba tshidisanye sentle ka tlotlo, lorato le kagiso, gore ba godise bana sentle, ka go nna sekao mo go bone.
“Ga o na thata epe o le motho go tsaya botshelo jwa motho, kgotsa go sotla motho yo mongwe,” ga tlatsa Rre Lesaso.
A re ga go monate gotlhelele gore bana ba betelelwe kana batho ba bolaane, a re fa o sa tlhole o rata motho, mo tlogele o batle yo mongwe.
Mopalamente o kopile batsadi go fetola ka fa ba godisang bana ka teng, bogolo jang ba basimane, a re go botlhokwa gore le bone ba rutwe go dira ditiro tsa mo lapeng jaaka go tlhatswa, go phepafatsa le go apaya, gore ba seka ba solofela dilo tse mo baneng ba basetsana.
Kgosi wa Mosolotshane, Kgosi Tsietsego Molefhi o ne a lebogela Mopalamente Lesaso go ipha sebaka sa go lekola morafe wa gagwe.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Molefhi o ne a supa fa a tshwenyegile ka tlhaelo ya bodirelapuso mo motseng le seemo sa borukutlhi.
A re ga go na mokwaledi mo kgotleng le fa e le mophepafatsi.
A re ga go na ba boipelego, mme motse ga o bereke sentle, ka gore ba boipelego ba tshwanetse go tlhokomela mathata otlhe a selegae le go sekaseka matshelo a banni.
Kgosi a re mokwaledi wa gagwe o sale a tsamaile ngogola ka Seetebosigo, ka jalo ditsheko di eme.
O ne a kopa mopalamente go mo tswa thuso, a gatelela gape gore go tlhoka mophepafatsi mo seemong sa gompieno sa mogare wa corona, go baya botsogo jwwa gagwe mo diphatseng.
Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Elizabeth Disang o tlhalositse fa komiti e tlhaelelwa ke madi, ka jalo e sa kgone go wetsa bontsi jwa ditiro.
Fa a ntsha malebo, mokhanselara wa Mosolotshane/Moralane, Rre Kesebelwang Gaorongwe o ne a tshepisa fa a tlaa latedisa dingongora tsotlhe tse di amanang le khansele, go netefatsa gore di a rarabololwa, bogolo jang letlhoko la metsi, la boroko jwa mooki yo o belegisang le tlhaelo ya bodiredi kwa kgotleng.
Rre Gaorongwe a re kgang ya letlhoko la metsi e a tshwenya ka e dia ditlhabololo tsa motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 28 Oct 2020