Breaking News

Dipetelelo tse di dirwang ke bana di a tshwenya

28 Oct 2020

Ramapodisi a Serowe Superintendent Poloko Oteng a re o tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di dirwang ke basimane ba dingwaga tse di kwa tlase tse di kukelang mo kgaolong ya gagwe. 

Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi Phalane 27 mogolwane wa mapodisi a re seemo seo se tshwenya thata ka jaanong go diragala le kwa dikoleng. 

A re mo dibekeng tse pedi tse di fetileng go gatisitswe melato ya petelelo e le lesome le motso mo Serowe fela.

O boletse fa dipetelelo tseo di dirwa mo basetsanyaneng ba dingwaga tse di kwa tlase le mo bagoding. 

Supt Oteng a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa sekole se segolwane sa Patikwane kwa Mabeleapodi a thubeditsweng ke basimanyana ba ba tsenang sekole le ene ba le bararo beke eno.

Rre Oteng a re basimane bao, ba dingwaga tse di lesome le botlhano. 

Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Mo kgannye e nngwe o boletse fa mosimane wa dingwaga tse di lesome le bone le ene a beteletse basetsanyana ba dingwaga tse di ferang bongwe ba le babedi.

A re bana bao ke ba ba tsenag kwa sekoleng se sebotlana sa Motetshwane, fa mmelaelwa e le wa sekole se segolwane sa Boipelego gone mo Serowe.

O ne a bolela fa ba tshwere kgang e nngwe gape e mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro le ene a thubeditse nkukuagwe, motsala mmaagwe wa dingwaga tse di masome marataro le bongwe (61) gone kwa Serowe.

Ramapodisi o boletse fa ba santse ba tshwere dikgang tseo go bona gore ba dira jang ka tsone, bogolo jang ka badiramolato e le ba dingwaga tse di kwa tlase.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2020