Breaking News

Ditso di ka tsholetsa itsholelo

28 Oct 2020

Mothusa tona wa lephata la Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Boitseanape le Boranyane, Rre Machana Shamukuni a re ditso le di-tsa tlholego tsa Batswana di ka tlhabololwa, mme tsa dirwa dikgwebo go tsholetsa itsholelo ya lefatshe.

Mothusa tona o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ramokgonami ka Labobedi, a supa fa go na le dingwao di le dintsi tse Batswana ba itsegeng ka tsone, tse di batlang go tlhabololwa ka maranyane. 

O ne a tlhalosa fa lephata le tsere tshwetso go tla ka lenaneo le le tlaa rotloetsang gore ditso le di-tsa tlholego di tshwana le tswii le monepenepe, di tlhabololwe mme go gwebiwe ka tsone.

Rre Shamukuni o tlhalositse fa lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go tlhabolola dikole tsa ithutelo tiro ya diatla, a tlatsa ka go re lekalana la Botswana Qualifications Authority (BQA) le tsweletse ka go lekola dikole tseo.

O ne a tlhalosa fa lefatshe la Botswana le ka kgona go itirela dijo, go na le go ikaega ka dijo tsa mafatshe a sele.

Mothusa tona o supile gore fa Batswana ba ka palelwa ke go itirela dijo, ba ka nna le mathata ka dinako tsa fa melelwane e tswetswe, a afa sekai ka nako ya kiletso mesepele, gore go ne go le dingalo gore dijo di tsene mo Botswana.

Fa a araba matshwenyego a banni, mothusa tona o supile fa lephata la gagwe le tsibogela botswerere jwa Batswana, ka jalo a rotloetsa banana go tswelela ba supa bokgoni jwa bone.

A re fa go na le sengwe se se lemilweng se le sentsi mo lefatsheng, puso e tswala melelwane go itsa batho go reka kwa ntle ga lefatshe leno, a re seo se direlwa go godisa bagwebi ba mo gae.

A re lefatshe leno le saletse kwa morago mo dipatlisisong tsa dithuto tse dikgolwane, fa le tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe, a re seo se dirwa ke gore dipatlisiso di lopa madi a mantsi, ka jalo, di tshwanetse tsa nna tse di ka solegelang lefatshe molemo.

Monana kwa Ramokganami, Rre Lawrence Sedireng, a itshetsa ka tiro ya botaki, o ne a fa mothusa tona mpho ya setshwantsho se a se dirilengi.

Rre Shamukuni o ne a lebogela mpho eo, mme a kgothatsa banana gore ba seka ba ipona tsapa mo go se ba se dirang. 

Mopalemente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o ne a gakolola gore go simololwe ka go baakanya thuto go tswa kwa moding, gore lefatshe leno le ntshe baitseanape ba maemo a ntlha. 

Rre Gobotswang o kopile mothusa tona go tsibogela go diega ga dituelo tsa bana ba thuto e kgolwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 Oct 2020